Naledi

Keledi ya ga Khama e gosomanya pula

Merwalela e tsweletse ka gosomana mo ebile maborogo mangwe jaaka jo jwa kwa Moshupa bo gosomeditswe ke dipula tsa bosheng. PIC: ZOLANI KRAAI
 
Merwalela e tsweletse ka gosomana mo ebile maborogo mangwe jaaka jo jwa kwa Moshupa bo gosomeditswe ke dipula tsa bosheng. PIC: ZOLANI KRAAI

Mo molaetseng wa gagwe kwa moletlong-mogolo wa BOT50 kwa lebaleng-legolo la metshameko la sechaba, Tautona Lt General Dr Ian Khama o ne a oketsa puo ya gagwe e a e kwaletsweng, mme ka thapelo a kopa Batswana botlhe go obama le ene go rapelela pula. Khama o ne dira jalo ka mowa le tebego ya sefatlhego se se tletseng khutsafalo a lopa modimo go nosetsa Batswana pula ee namagadi.  Thapelo e ya ga Tautona Khama e ne ya tlogela bontsi bo dumela fa Khama a rapetse ka mowa o o tletseng lenyora le khutsafalo. Jaanong lefatshe la Botswana le tshologelwa ke dipula tsa merwalela le mo ngwageng o mosha wa 2017.

Le ko sekakeng sa Kgalagadi le Ghanzi e a gosomana. Ngwaga ya 2016 erile go laela Batswana ya tsamaya ka dipula tse dintsi thata, bogolo jang kwa dikgaolong tsa Legare, Bokone, Bokone Botlhaba le Chobe. Dipula tse tsa boa gape tsa gorosa ngwaga o mosha wa 2017 ka bontsi, bogolo jang mo kgaolong ya Borwa e jaanong e itemogelang merwalela.

Batswana bangwe bare dipula tse dintsi tse di ntseng di nela lefatshe la Botswana mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, di ne di na fela ntle le thapelo ya ga Tautona Khama. Bangwe bare lefa Batswana ka baruti le duphuthego ka go farologana bane ba rapelela pula, seemo sa gompieno ke go lemoga fa Modimo a sa felelwe pelo mme a arabile dikopo tsa ga Tautona Khama le Batswana.

Ngogola Tautona Khama e bile a ntsha molaetsa mo pegong ya gagwe ya tekodiso ya seemo sa lefatshe gore leuba le dika le aparetse lefatshe leno tota le kgaolo ya Aferika oo Borwa. Tautona Khama o ne a supa gore seemo se se batla Batswana botlhe. A supa fa seemo se se batla dithapelo tse di tlhwaafetseng, mme a bona ga go le botlhokwa gore e re ka letsatsi le le botlhokwa la Lwetse a le 30, a goge kwa pele thapelo go bua le badimo ba lefatshe le. Le fa gone dipula Batswana ba ntse ba di letile gore ba kgone go bona metsi a go nwa le diruiwa tsa bone, le go baya ditema kwa masimong, go lebega seemo se dule mo taolong.

Metsi a fetogile merwalela e e tshosang, matshelo a Batswana a mo diphatseng ka ntlha ya metsi a a tletsetletseng gongwe le gongwe. Malwapa a tletse metsi, fela jalo le marekisetso, fa ditsela le tsone di sa tsamaege ka bontsi, maborogo le one a tlola metsi kwa godimo, fa a mangwe a gosomana.

Go saletse puso le banaseabe gammogo le Batswana go dira maiteko otlhe a go tlamela ba ba amilweng diemo tse tsa go gosomana ga pule. Mekgatsha e a elela mme dinoka di tla tlala mme seemo sa go tlhaela ga metsi se tokafale.