Naledi

Metsi a merwalela a elelela kae?

E ke kgaolo ya bontlha bongwe jwa lefatshe leno e enang le dingwaga e na dipula tse di buitsana.

Dine di remelela kwa legare, bokone le bokone bophirima.

 Le fa pula e dikile e nele thata jaana le go baka ditshenyo tse di ngomolang pelo, potso e Batswana ba e botsanang gangwe le gape ke gore metsi a, a dipula tse di gosomanang a ya elelela kae, ntlha efe ya melapo e e tshelang tamo ya toropokgolo Gaborone?

Bangwe, tota le metsedi e e farologaneng ya bobegadikgang e kile ya gatisa dikgang tse di neng di leka go araba potso e.

Menahune e ne supa ntlha ele nngwe ntlheng ya dipolase dingwe tse di iphaphathileng le tsela ya Lobatse-Gaborone, fa bangwe bane ba umaka fa metsi a a tswang ntlheng e ya dipolase tse, a felela gone kwa go tsone.

Bosupi bo sale bo letilwe ke ba ba amegang mme Batswana ba tsweletse ka go ipotsa potso yone ele ya gore, metsi a a tswang mo metsweing ya Manyana, Mmankgodi, Ranaka le e mengwe tota a ya kae? Ketseego e e bakwa ke gore le ba koporase ya metsi ya Water Utilities (WUC) ba sa tswa go ntsha pego e e  tlhalosang metsi a le mo seelong sa dipecente dile lesome le boraro (13%) mme morago ga dipula tsa beke eno, metsi a letamo la Gaborone a mo seelong sa masome a mabedi (20%).

A puso le banaleseabe batla ba ka tlhalosa tota gore metsi a a tswang mo mekgatsheng le metswedi ya borwa le bophirima jwa Gaborone a felela kae?

Fa ele dinoka di tshwana le tsa Metsimotlhabe, go a itshupa gore di tshela kwa tamong ya Bokaa, Segodistane yone e tshele mo go ya Notwane e yone e namolang barui ba Bakgatla ka leruo la bone.