Naledi

Ruth �RSK� Setlogano Kgoroba

Ruth u201cRSKu201d Setlogano Kgoroba
 
Ruth u201cRSKu201d Setlogano Kgoroba

Naledi e etela kakapa ya motse oo e bile ele mogodi yo o nnileng le seabe se segolo mo ditlhabololong tsa o ne.

Ene ke Ruth Setlogano Kgoroba, phuthi kotswana e ya reng e sutlha motlhakola ya raga seoba sa modisa, p elo ya modisa ya nyama. Ke motswa mosupi wa kgomo e kgemakgema.  ke jaaka  Mme Kgoroba a retwa ka bokhutshwane.

O tsholetswe kwa mo Kgatleng mo motsaneng wa ga Kgosi Makapane ka fa tlase ga toropo ya Warmbath kwa Aferika Borwa ka Sedimonthole wa ngwaga wa 1934. Ke ngwana wa ga John Sedirwa Tsiane le Mme Mmadimpe Magdaline Bosega Tsiane. Ruth ke ngwana wa bone mo baneng bale batlhano ka palo, banna ba le babedi le basadi bararo.

“Ntate e ne e le letebele le le buang Setswana sa Nfatlha fa Mme ene ele mopedi wa mashashane gone ko Aferika Borwa. Re ne re bidiwa matebele a Nfatlha go tewa morafe o re tlholegang ko go o ne,” a tlhalosa jalo mmemogolo.

Ruth a re o tsholetswe le go golela kwa Aferika Borwa,  a  tsena le go fetsa dithuto tsa gagwe tsa sekolo se se potlana le se segolwane mme morago a ithutela booki. “Ke tsene sekolo se sepotlana kwa Lebotswane la ba Nfatlha kwa Aferika Borwa, kwa ke simolotseng lokwalo la Sub A. Ke tsere ngwaga fela mo go lone mme ka bo ke tlodisiwa go dira mophato wa ntlha go ema ka lokwalo la borataro (std 6) mo ngwageng ele nngwe,” Ruth a rialo ka menyenyo. a bolela fa a ne a tlodisiwa mephato ka a ne a le botlhale thata.

O tsweledisitse dithuto tsa gagwe tsa form 1 go ema ka form 5 ko sekolong sa Kilnerton Training Institute. Morago ga foo a ya go dira dithuto tsa gagwe tsa booki sebaka sa ngwaga tse nne le sephatlo, ko sekolong sa sepatela sa Elim go fitlha ngwaga wa 1958. “E rile ke tswa foo ka fetela pele kwa sekolong sa sepatela se se bidiwang Bridgeman Memorial ko Gauteng.Ke ne ke dira dithuto tsa pelegi”.

“RSK” jaaka a rata go bidiwa, o tsene mo nyalong e e boitshepho ka ngwaga wa 1960 le Rre George Kgeledi Kgoroba, ene a tlholega kwa Rustenburg mo motsaneng wa Kwelagte. Ba segofaditswe ka bana ba basimane ba le babedi fela ebong Kehumile Kgoroba wa ntlha le Sedirwa Kgoroba ele wa bobedi.

“Erile ke sena go nyalwa, ka ngwaga wa 1962 re bo re tla Botswana le ba lelwapa lame go tla go senka ditiro. Ka Setswana se re modimo gaa ke a latlha, ra amogelwa ka  tsoopedi ke Rre Kgari Sechele le mohumagadi Gagoomakwe mo motseng wa Kgosing.Re amogetswe ka lorato le kwa godimo thata ebile  monna wame ene a bona tiro mo sekolong sa Kgari Sechele ele morutabana,” RSK  a tlhalosa jalo.  A re ene o ne a ya go berekela kwa sepateleng sa Lobatse (Athlone) mme a re ka nako tseo ene ele sone se sepatela se segolwane mo Botswana. RSK a re o bereketse koo dingwaga tse lesome le bosupa mme a re o itlotlomatsa ka gore ke mongwe wa basadi ba ntlha mo Botswana ka 1965, go thapiwa jaaka mooki ka nako ya mmuso wa sekolone, 

A re bane ba le bane elel basadi mme  ba dira tiro e eneng e dirwa thata ke ba bereki ba muso wa sekolone. RSK a re o berekile dipatela ka go farologana jaaka sa Maun le Mahalapye mme a tloga a busetswa gape kwa Lobatse. Ya re a re o kgwa setshwe kwa Lobatse, ga bulwa sepatela se sesha mo toropokgolo Gaborone se bidiwa Princess Marina mme a fudusediwa kwa go sone.

RSK a re o bereketse kwa Marina ele mothusa mogolwane wa baoki (Assistant matron). A re ka bonokopila jwa gagwe mo tirong, o ne a isiwa sekoleng kwa Swaziland ka ngwaga wa 1980 go ya go ithuthuntsa mo go tsa botsamaise jwa booki. Ya re go wetseng dithuto tsa gagwe a fudusediwa kwa Scottish Livingston kwa Molepolole.

RSK a re o ne a sa itebaganya fela le tiro ya booki le ntswa a ne a e rata mme o ne gape ele molemi-morui a dira jalo fa a bone nako ka mafelo a beke le fa a tsere malatsi. 

“Masimo a rona ene ele fa Ditshukudu le Gakubu.Ke ne keya teng malatsi otlhe goya go sekaseka tshimo ka bogologolo temo-thuo e ne ele dilo tse di tlotlegang gore fa ole motho montsho wa mo Aferika o bonwa ka tsone. Mo sebakeng sa gompieno ga ke sa tlhole ke lema ka mabaka a go tlhoka botsogo”.

Ya re Naledi e mmotsa ka tsala ya gagwe ya botshelo jotlhe,sefathego sa fetoga go se go nene mme a tlhalosa fa mokgalajwe wa gagwe rre Kgoroba a iketse badimong ka 2009 mme a mo tlogetse le bana boo babedi ba jaanong eleng banna mongwe wa bone eleng Sedirwa yo jaanong eleng mopalamente tiro e rraagwe a eneng a kileng a e dira.

RSK a re ka maoto le o ne a setse a gana, malatsi a no, ka modimo o mo file diatla, o kgona go dira senotsididi sa gemmere le kgodu ya lerotse. “Ke di direla  mo lapeng ka ke nale bomme ba babedi ba ba nthusang gone molapeng ka ditiro tsa lelwapa.