Naledi

Kgalapitse e gataka Seshoboloko

Se mme se diragetse fela jalo ka erile ngwaga ya 2017 e goroga khwaere e tona ya Seshoboloko ya supa fa e babaletswe ke kgatlampolo ya Kgalapitse, mo e neng ya ngala maduo.

Ntwa ya dikhwaere tse pedi tse, e simologile ka malatsi a keresemose ka loeto la Kgalapitse kwa lebaleng la Seshoboloko. Pele ga di kopana mo lebaleng, dipuo di ne di le mafaratlhatlha, ka bangwe ba ne ba re Seshoboloko e tona thata mo Kgalapitse, fela bangwe bone ba re Kgalapitse e bogale go gaisa thipa ya monna a rata dinama.

Tse dipuo tsa tshwanelwa ke go rurifadiwa ke dikhwaere tse ka bobedi, ya lela phala gore lerole le ditlhako tsa banna le basadi ba baopedi le tsoge. Seshoboloko e e opelang thata ka bagolo ya letsa lenaka go bolela fa e ka se latelelwe mosimeng.

Ka fa Kgalapitse, ga utlwala sentle gore ba tswa kwa molapong o montsho. A a bo a gaketse thata Junior Lecture, Dintwe Machine Digangwa a somola mogagamola wa pina kgabueledi.

Matlho a barati le balatedi ba dikopelo a bo a sa tswe mo go ene, ditsebe tsone ba ditlhokoditse, go se e nang le ditshoka gore beng ba utlwe lentswe la monna yo sentle.

Ntwa e ya bosigo jotlhe, le motshegare otlhe ya tshwanelwa ke go tla bokhutlong, mme erile maduo a tswa ga bolela gore Kgalapitse go tswa Molapong o montsho, e rutile Seshoboloko magokonyane a dikopelo ka go e fenya botlhoko.

Maduo a seka a tshwenya Seshoboloko ka gope, ka e ne e dumela gore e tla a kgona go boa kwa morago mo legatong la bobedi kwa Kgalapitse.

Heela, go tlhoka go itse, Seshoboloko e rile go goroga kwa Kgalapitse ya fitlhela molapo o montsho o suma o tletse ka metsi le barati le balatedi ba Kgalapitse.

Puo e e reng ga e latelwe mosimeng ya rurifala jaanong, e kua e bo e kua Kgalapitse bosigo botlhe le letsatsi lotlhe, e bolela gore yone e maswe. Fa a bo a sa batle go utlwa sepe Machine, lentswe la gagwe la utlwala le gasama le sekgwa sa masimo a moelole go sutlhelela mo sekgweng sa molapo o montsho.

Seshoboloko ya utlwa sentle gore molapo o o fitlhile noga e e bogale thata ya khwaere, ke seo erileng go nniwa fatshe go ntsha maduo, bagolo ba Seshoboloko ba kobela baatlhodi kgakala, ba gana maduo a ntshiwa.

Mogolo wa dikopelo Mogatusi Kwapa, a kopa Kgalapitse go tswa mo lebaleng go itsamaela, a re kana bagolo ga ba amogela phenyo jaaka bana. A re ka e le bagolo ba tlhaloganya sentle gore phefo ya molapo e foketse ntlheng efe.

Kgaisanyo e ya dikopelo e ne e aname le kgaolo yotlhe ya Kgatleng, jaaka dikhwaere tse ditona bo London, Sedibelo, Rangers, Mawelana, Makgatlheng, Thola o mamele, True Fighters le tsone di ne thuntshitse lerole go natifisa malatsi a keresemose le ngwaga o mosha