Naledi

Liki ya Debswana e lebanwe ke dikgwetlho

Letlhoko la tshireletsego ya batshimiki le batsamaisa metshameko e santse e tlhaela jaaka mo setshwantshong se. Batshamiki ga ba na fa ba nnang teng fa ba letile go fiwa tshono ya go tshameka.PIC: ZOLANI KRAAI
 
Letlhoko la tshireletsego ya batshimiki le batsamaisa metshameko e santse e tlhaela jaaka mo setshwantshong se. Batshamiki ga ba na fa ba nnang teng fa ba letile go fiwa tshono ya go tshameka.PIC: ZOLANI KRAAI

Morago ga gore liki e e nne dingwaga di le mmalwa ntle le barotloetsi, tlhware e ne ya ba e latswa ka go tla ka barotloetsi ba seemo se se kwa godimo ba diteemane, ebong Debswana.

Go tla ka thuso ya madi mo ga kompone ya Debswana go ne ga tsisa botshelo jo bo botoka thata ka jaanong barati le balatedi ba liki e, le bone batsamaisi ba ditlhopha tse yone, ba ne ba hema phefo e e botoka. Liki e ke yone e e dingalo go ka tsamaisiwa, ka e fitlhelwa mo dikgaolong tse pedi, eleng borwa le bokone, sengwe se se dirang gore e tsamaisiwe ke dikomiti tse pedi tse di farologanyeng.

Le fa Debswana e tshela madi a mantsi mo go yone go santse go bonala difatlhi mo go yone ka ditlhopha tse di amogelang baeng di sa tlhomamisi gore tshireletsego ke ya maemo a ntlha kwa mabaleng ka nako ya metshameko.

Seemo se sa go tlhoka tshireletso, se dira gore metshameko mengwe e senngwe ke botlhoka tsebe le dintwa. Dintwa tse di felela di ama le bone batshwaraphala ka babogedi ba kgona go ba tlhasela ka nako ya motshameko le morago ga one, bogolo jang ba setlhopha se se fentsweng.

Go ya ka molao wa lekgotla la metshameko, setlhopha sengwe le sengwe se tshwanetse go tlhomamisa gore kwa metshamekong ya sone ya gae e babalesegile. Ba tshwanetse go ntsha batho ba ba tshepafalang ebile ba nonofile go laola babogedi ka nako tsotlhe. Se Naledi e se lemogileng ke gore, bontsi jwa batho ba ba neelwang maikarabelo a tshireletso, ba itontela dino thata. Dino tse kgotsa bojalwa ba tswelela ba di nwa ba ntse ba le mo tirong e, ba felele ba tagilwe mme balatedi ba itirelele fela.

Seemo se sa botlhoka tsebe kwa metshamekong ya Debswana se tla a re komiti e e tsamaisang liki e, e tlhwaafalele go bona fa ka boammaaruri ditlhopha di ntsha itshireletso ka nako tsotlhe.

Mo godimo ga seemo se gape, go na le letlhoko la bongaka, kgotsa botlamedi jwa dikgobalo tsa batshameki le ntswa di le dintsi thata. Go bonala thata batho ba tabogela mo lebaleng ka dikopi kgotsa mabotlojane a metsi fa motshameki a gobetse, mme ebile go taboga mongwe le mongwe fela yo o sa itseng sepe ka thuso ya potlako kgotsa ya ntlha.

Batshameki ba ba gobetseng ba tshwarwa fela gongwe le gongwe, go sena ope yo o rekegelang go batla go itse gore kgobalo e fa kae, le gone gore e bogolo bokae.  Fa gongwe e a re motshameki a golafetse, ka tota go sa itsiwe bokete jwa kgobalo, a tsweledise tshameko, a rurugile tlhogo, kgotsa e tshologa madi.

Bothata kgotsa tlhaelo e ya ba thuso ya potlako e tshwanetso go tsibogelwa ka tlhwaafalo pele ga matshelo a latlhega kwa metshamekong. Se fela se ka dirwang ke gore rotloetsa ditlhopha tsotlhe go rutela bangwe ba bone go tlamela. Sengwe gape se se ka dirwang ke gore komiti e ka tshwaragano le lekgotla la kgwele ya dinao e tshware dithuto tsa potlako. Ditlhopha le tsone di reke lebokoso la thuso ya potlako ka tsotlhe tse di fitlhelwang mo go lone, go emisa go taboga ka kopi le mabotlojane.