Blogs

A re ikgakolole maina a dikgwedi

Potso ke gore, leina le, le raya eng?  Ga twe kgwedi e, ke kgwedi e lephoi le le bidiwang lehiri le tsalang ka yone. Go baakanyetsa go baya mae, lehiri le age sentlhaga ka dikgonyana. Motswana a bo a ntse a le lebile. A tsaya lefoko ‘lehiri,’ a le kopanya le lefoko ‘dikgong’ mme a bitsa kgwedi Hirikgong. Leina le, le ka kwalwa e le Hirikgong kgotsa Firikgong, ga tshwana fela, ga se ka ga senya sepe.

Maloba jale e ne e a re pula e se na go phaila, mmu o setse o tshwere bokgola, go lengwe. Bangwe ba ne ba tle ba itlhaganele ba leme pele, ba bangwe bone ba tswe kwa morago.

Le fa batho ba ne ba sa simolole go lema ka nako e le nngwefela, go ne go na le nako ya gore letsema le wele. E re letsema le fela, megoma e e lemang e ntshiwe kwa masimo, e gogolwe mebu ele. Ga twe go dira jaana, e ne e tlhakolwa gore e re e ya kwa digotlong, go letela letsema le le tlang, e bo e se leswe. Go ne go dirwa jaana ka kgwedi  ya bobedi ya ngwaga, mme kgwedi e, ya bidiwa Tlhakole, leina le tswa mo go ‘tlhakola.’

E re a se na go lengwa mabele, a nne a tle a gola. Fa a ntse a gola, go tle nako ya gore a tswe diako mme go twe a a pitla. Ka go direga jaana ka kgwedi ya boraro ya ngwaga, eo ya bidiwa Mopitlo, go twe ke kgwedi ya mabele a pitla. Go ya ka Thanodi ya Setswana le Setswana -English Dictionary, kgwedi e gape e bidiwa Mopitlwe. Fela ba le bantsi ba tlwaetse leina la Mopitlo. Fa dijwalo di ntse di tla di gola, go tle nako ya gore dinawa di ungwe mme kgwedi ya bone ya ngwaga, e bidiwe Moranang-wa-nawa.

Malatsi a nne a fete, dipaka di nne di fetoge. Mogote wa selemo o fete, go tsene mariga mme ka go utlwa serame, dijwalo di simolole go oma. Ka nako e, dinonyane di palelwe ke go ja mabele ka a le thata. E re nonyane e re e somola tlhaka ya lebele, go pale. Go bona go direga jaana, Motswana a bitsa kgwedi a re Motsheganong; a re, ka mabele a thata, a palela dinonyane, a  a di tshega. Nong yone e le eng? Nong go rewa nonyane e tona.

Re itse gore, fa selemo se feta, go tsena mariga. Mariga letsatsi lotlhe go serame mme se nne bogale thata bosigo. Ka lone lebaka le, kgwedi e nngwe ya bidiwa Seetebosigo. Molaetsa fa ke gore, fa go na le ditiro dingwe, kana mesepele mengwe, a e tsamaiwe motshegare, e seng bosigo.

Go direlwa eng jalo? Go dirwa jaana go tshaba serame sa bosigo ka se bogale thata. Go netefatsa se, seane sa re, moeng wa mariga o a dingwa mpa. Seetebosigo e salwe morago ke Phukwi. Ka nako e, go a bo go le serame thata, ditlhare di tlhotlhorege matlhare, di sale fela. Go twe kgwedi e, ke Phukwi, phukutsa ditlhare.

Morago ga diphefo tsa Phuikwi, fa go ntse go thuthafala, maru a simolole go ipopa mo loaping mme go twe, a a lwala, a batla go nesa pula. Ka jalo, kgwedi e e latelang Phukwi  ya bidiwa Lwetse, kgwedi ya maru a lwala. Lwetse a latelwa ke Phalane. E ga twe ke kgwedi ya diphala di tsala. E re a bua ka go ruta bana botshelo,  Motswana a re, ‘Phala e ruta diphalana matlolo,’

Maloba e ne e a re pula e se na go phaila, ditlhare tsa naga di ungwe, go jewe moretlwa, moretologa, dirowa, magabala le tse dingwe tse dintsi. E re le motho a le mo loetong, a se ke a itshwenye ka go tsaya mhago, a itse gore o tlaa tsamaya a a ja mo nageng. Kgwedi ya bidiwa Ngwanaitseele, go twe ka dijo di dintsi, ngwana a itseele. Go a bonala e rile fa go ntse go ya, leina le la fetoga, ya nna Ngwanatsele. Kgwedi e gape, e bidiwa Mosetlha ka ke kgwedi e setlhare sa mosetlha se thunyang ka yone. E nngwe kgwedi ya bidiwa Sedimonthole, go ntse go buiwa ka maungo a naga. Ga twe motho mongwe a tswa a ya go bapala maungo a naga. A tswa koo a tla a rwele. Fa a goroga mo gae, ka go ne go le gontsi, a kopa yo mongwe go twe Sedimo, gore a mo role. Ga twe a re, ‘Sedimo nthole/nthola.’  Ya bo e le fa kgwedi ya bofelo ya ngwaga e bonye leina; ya bidiwa Sedimonthole. Yone kgwedi e gape e bidiwa Morule ka ke kgwedi e setlhare sa morula se ungwang ka yone. Motswana a di bitsa jalo dikgwedi.

motshwanes@yahoo.com