Blogs

A re ele tlhaka eo tlhoko

Ga twe fa a bolela, Rre Solomon a re kwa sekoleng o ne a ithuta tiro ya go dira ka diatla. Mme fela, ga go tlhalosiwe gore, tiro eo, ke efe ka jaana ditiro tsa diatla di dintsi. Go na le gone go betla, go nne le go apaya, go lema, le go tshwantsha, kana jaaka bangwe ba tle ba bue, go taka. Ga go tlhalosiwe gore mo go tse tsotlhe, tota Rre Solomon o ne a ithuta go dira ka diatla, a dira eng. 

Godimo ga moo, go bolelwa fa a re, tiro e ya go betla, ga e tsenela sekole, o e ithutile fela mo go ba bangwe. Mme ke yoo, o tlhagafetse o a betla, e bile kgwebo ya gagwe e bonala e tsamaya sentle. Polelo ya re o betla ditilo, ditafole, le dilwana/didirisiwa tse dingwe tsa ntlo ka mehuta, dingwe e le tse di beelang diaparo, dingwe ditlhako.

Tiro ya ga Rre Solomon e bolelwa e se go betla fela. Ga twe, gape o kgona go baakanya dilo tse fa di senyegile. Se, se supe gore ruri o dira a tiile moko, e le motho a batla go gatela pele.

Potso e ka nna  gore, kgwebo e ya ga Rre solomon, e simologile jang, e tsweletse jang.  Re utlwa fa monana yo, a simolotse a tlhokomela ditlhare, e bile a di rekisa, kwa Gaborone. Gone foo, a dira madi mme madi ao, ke one a simolola kgwebo ya go betla ka one. Kgwebo e, e bolelwa e tsamaya sentle, e nametsa, ka e tshologelwa ke bareki. Bareki bone a ba bona kae? Ga twe Rre Solomon a re o tlelwa ke batho go tswa mo mafelong a a farologanyeng, bangwe ba tswa gaufi le Palapye. Ba  bangwe  ba tle ba tswa kgakala jaaka wa Gaborone.

E nne selo se se molemo, se se tiisang moko. Ga gore e re o dira selo, se lebege se eme golo go le gongwefela fela, se sa tswele gope,  e bile se sa go busetse sepe. Moo, go ka dira gore bangwe ba itlhoboge ba ise ba tswele gope kgakala. Polelo e supa fa ka Rre Solomon, go sa nna jalo. Ene o lebega a tlaa gatela pele, e seng go ema golo go le gongwe, a se setlhare sa moswaoeme.

Fela jaaka gale, re ne ra nna ra okomela  Dikgang  (Daily News/Phukwi 24 2018)  mme ra fitlhela polelo e ya kgwebo ya ga Rre Solomon mo go yone. Fa e bua ka fa Rre solomon a reng o ipapatsa ka teng, Dikgang/Daily News  ya re;

‘A re o dirisa metlhale e e farologanyeng ya go ipapatsa……’

Tlhoma mafoko a re a nopotseng a matlho mme o tlaa bona lefoko ‘metlhale.’ Kgang ya rona gompieno e tlaa remelela mo go lone lefoko le. Potso ke gore, a o bona lefoko le, le dirisitswe sentle kgotsa nnyaa? Fa o re le dirisitswe sentle, kana o re ga le a dirisiwa sentle, a o ka tlhalosa gore ke eng o bua jalo? Ga re itse gore  o tlaa araba o reng. Mme fela rona ra re, lefoko leo, ga le a dirisiwa sentle.

O botse gore, ke eng re bua jalo?  Karabo ke gore, Setswana ga se na lefoko leo. Re re, lefoko le le leng teng ke ‘metlhala,’ e le bontsi (plural) jwa ‘motlhala.’

O bo o ka nna wa botsa gore, pharologanyo fa gare ga ‘methale, le ‘metlhala,’ke eng. Thanodi ya Setswana  ya re motlhala ke, matshwao a bogato fa fatshe, fa sengwe se fetileng teng. Jalo he, metlhala e nne bontsi jwa motlhala. E re Monwedi a ya go batla dikgomo, a re o tlaa di tsaya ka motlhala; a raya gore, o tlaa leba thata fa fatshe, fa di gatileng teng, go bona gore di tsamaetse kae. Setswana–English Dictionary  yone fa e tlhalosa lefoko ‘motlhala’ ka Sekgoa, gare ga tse dingwe  e re, ‘a spoor, a trail,’ mme e supe fa bontsi jwa lone e le metlhala. E dumalane le Thanodi ; le rona re dumele gore go ntse jalo. Se re se gatelelang fa ke gore, mafoko a Setswana se nang nao ke ‘motlhala,’ ‘metlhala.’ ‘Metlhale’ lone, ga le yo, ga se lefoko la Setswana. Ka  jalo, le ne le sa tshwanela go dirisiwa fa godimo fale.

Potso e nne gore, ka lefoko ‘metlhale’ ga le a dirisiwa sentle fa godimo fale, le le neng le tshwanetse go dirisiwa ke lefe? Karabo ke gore, ke ‘methale.’

O botse gore, lefoko le lone le raya eng le gore, pharologanyo fa gare ga ‘metlhala’ le ‘methale’ke eng? Pharologanyo ke tlhaka eo, ‘l.’ Jaaka re setse re buile, Setswana ga se na lefoko ‘metlhale.’ Boemong jwa lone, re na le ‘mothale, methale.’ Thanodi ya Setswana fa e tlhalosa mothale ya re ke, ‘mokgwa wa popego’ fa Setswana- English Dictioary yone e re mothale ke ‘a variety, a kind, a sort of things’ mme re nne re dumalane le thanodi tsoo pedi. Fa Batswana ba tlhalosa lefoko ‘mothale’ ba re, ke mokgwa, tsela ya go dira sengwe.

Re setse re kile ra bua gore, ga go na molao ope (grammatical rule) wa  gore, o dirisa ‘l’ fa kae, ga o mo dirise fa kae. Ra re, fa re bala Setswana, le re reeditse se buiwa, a  re ele tlhoko gore, ‘l’ o tsena fa kae, ga a tsene fa kae, e le yone tsela fela ya go ithuta go dirisa tlhaka e.