Blogs

Dinako tsa Setswana

Ka Motswana o lepa dilo thata, go bonala a ne a nna a lebelela tse di dirafalang fa letsatsi le ntse le tsamaya. A bona gore dilo tse ga di tshwane, di a farologana, mme e bile di dirafala ka dinako tse di farologanyeng. Go bona se, a bitsa dinako ka go farologana, a lebile se se dirafalang ka nako eo ya letsatsi.

Re itse gore, letsatsi le a tswa, le tlhole le tsamaya, mme la bofelo le phirime. Nako ya fa letsatsi le tswa, go fitlhelela le phirima, Motswana a e bitsa motshegare. E ntse e le motshgare jalo, ya se ka ya nna motshegare fela, wa nna le dinako tse di farologanyeng. Ga nna le dinako tsa moso go fitlhelela letsatsi le tloga le sokologa. Ga boa ga nna le dinako tsa letsatsi le sokologa go fitlhelela le phirima.

Bogologolo lefatshe le sa ntse le nonne, e ne e a re pele ga go gangwa, dikgomo di bolole, di ye go  hula. Go ne go dirwa jaana gore di tle di kgone go sisa ka Motswana a re, e sisa e hudile.

E ne e a re di dule jaana, go twe di ile go phoka, go phoka go raya gone go hula. Go ya ka Thanodi ya Setswana, nako ya botlhano mo mosong ga twe ke ya kgomo di phoka.

Ka ke tseo di ne di a tle di bolole, di ye go phoka, go tlaa raya gore, e ne e a re morago, di boe koo go tla go gangwa. Morago ga go gangwa, ke gone di bolole go ya g tlhola di hula.

Jalo he, Motswana a nna le nako e a neng a re ke ya kgomo di bolola. E ga twe ke nako ya borobabobedi mo mosong.

E re a ntse a tla a bua ka nako, Motswana a dirise lefoko ‘maneelo.’ Thanodi e tlhalosa lefoko le e re ke, ‘nako ya fa bana ba diruiwa ba letlwa go anywa.’ Setswana-English Dictionary yone e tlhalosa ka Sekgoa ya re, ‘The time for giving young animals to their dams.’ Ka lone lefoko ‘maneelo,’ Motswana a nna le nako e a reng ke ya maneelo a diphofu. Nako e go bolelwa e le ya lesome le bobedi motshegare.

E a re fa dikgomo di tlaa neelwa marole, kana dipodi di neelwa dipotsane, di bo di kile tsa tlhaolwa pele; ke gore, tsa kgaoganngwa le bana ba tsone. Di ka tlhaolwa gore di ye go hula, kgotsa tsa tlhaolwa gore di ye go nwa, mme e re di boa koo, ke gone di neelwe.

Jaanong, ke foo ga twe nako ke ya maneelo a diphofu. Se re sa se itseng ke gore, ka diphofu ke diphologolo tsa naga, ga se diruiwa, tsone di ne di neelwa di tlhaotswe ke mang, leng, fa kae.

Ga re itse, mme ke eo nako ga twe ke ya maneelo a diphofu, e le nako ya lesome le bobedi motshegare. Nako e gape, go a tle go twe ke ya sethoboloko; go twe, motshegare wa sethoboloko.

Re itse gore, fa go sa ntse go le moso, meruti e meleele, e lebile bophirima. Fa letsatsi le ntse le tlhatloga, meruti e a ngotlega, e nna mekhutshwane. E re le setse le gagabela go kgabaganya loapi, le leba bophirima, meruti e fapaane nalo, e lebe botlhaba. Nako e go twe ke ditshokologo. Go twe letsatsi le a sokologa, le leba bophirima, fa meruti yone e sokologa, e leba botlhaba.

Le nne le gagabe letsatsi le tsamaele go phirima mme e re morago ga sethoboloko go tsene nako ya mampa a kolobe, letsatsi le sokologa.

Morago ga mampa a kolobe, go tsene maneelo a dikonyana. E go bolelwa e le nako ya boraro mo tshokologong. Morago ga maneelo a dikonyana, go tsene mampa a dipodi, one e le nako ya botlhano maitseboa.

E re morago ga go nna le tlhatloga, le bo le sokologa, letsatsi le felele le phirima. Fa le phirima, motshegare o fete mme go tsene bosigo.

Fela jaaka motshegare o na le dinako tse di farologanyeng, bosigo le bone bo nne le dinako tsa bone. Fela jaaka le phirima, go tsene letlatlana e le nako ya go ise go nne lefifi thata. Moragonyana go simolole go nne lefifi mme e nako e bidiwe maabanyane.

Bosigo bo nne bo tsamaye mme go tloge go tsene nako ya gore go tle go robalwe, go lapolosiwe mmele ka o a bo o tlhotse o weditswe dingalo ke ditiro tsa motshegare. Pele ga go robalwa, go apewe dijo tse go tlaa lalelwang ka tsone (dilalelo). Ga go na nako ya tlhomamo ya gore, ka Setswana, dilalelo di jewa leng. Gone mme go apewe, go jewe. Fa go fediwa dilalelo go twe nako ke ya malatlhantshwana; nako ya go latlha dintshwana tse go neng go jewa dilalelo ka tsone.

Morago go latele maitiso, nako ya go itisa, go digela dijo tsele pele ga go robalwa. Di kaiwa di ntse jalo dinako tsa Setswana mme ga se gone gotlhe.

motshwanes@yahoo.com