Naledi

Kgosi Thero Sermon �TS� Rantabe o hulere

Sermon 'TS' Rantabe
 
Sermon 'TS' Rantabe

Kgosana TS, jaaka morafe wa Oodi o ne o tlwaetse go mmitsa, ke mogolo yo o neng a tlotlwa thata mo motseng wa Oodi le metsana e e mabapi ya Matebele, Mokatse, Modipane le Dikwididi ka ntlha ya lorato le metlae ya gagwe.

TS o sale a tumile thata ka nako ya fa a le modirelapuso, morutabana, go fitlha a tsaya maemo a bogokgo mo dikoleng tse dipotlana ka go farologana. Go bolelwa gore e ne e le motho yo o tletseng lorato le metlae e mentsi.

Fa a le mo motseng o ne a dira ka boammaaruri le botlhale go thusa gongwe le gongwe fa thuso ya gagwe e neng e tlhokega teng, go akaretsa le bogakolodi kwa kgosing, ka ebile le ene a tswalwa mo kgotleng. Go ya ka mongwe wa dikgosana tsa Oodi, Ramotshweetshwee Samuel Sepotlo, Kgosana TS e ne e le motho yo o ratang go bona dilo di tsamaya sentle ebile o ne a sa rate ope a nyadiwa.

A re le fa a ne a rutegile ka a tsene sekole thata, e ne ese motho yo o ratang go nyatsa ba bangwe ka ntlha ya go sa tsenang dikole ga bone.

A re o ne a leka thata gore fa ba le mmogo ba seka ba palelwa ke sepe fela ka ba sa tsena sekole. A re o ne a dumela gore botlhale jwa motho gase jwa dithuto tsa sekole fela.

Kgosana Sepotlo o boleletse Naledi gore TS o ne a thusa thata gore e le dikgosana tse dingwe ba tlhaloganye dithulaganyo tsotlhe tsa tiro e ya bogosana.

A re selo se a neng a se dira ka bokgabane, e ne e le go sekisa le go tsamaisa ditsheko tsa boralekgotlana. A re o ne a dira ka tsela e e supang fa e le moletlanyi eseng moatlhodi fela.

Se Sepotlo a reng o ne a se rata thata ka TS ke gore e ne e re fa mongwe a ikuetse mo go ene, a bitse yo go ngongorewang ka ene pele, a mmolelele ka mongongoregi, mme a mo kope go ya go kopana le ene ba fetse kgang ya bone.

A re o ne a re, “semangmang o a lela, mme lela ka wena.

A re dikgomo tsa gago di mo jetse magapu otlhe kwa tshimong. A re jaanong o gana go mo duela le ntswa o ne o dumalane le katlholo.Jaanong tsamaya o ye go duela,”

A re se sengwe se gape TS a neng a se gana ke gore mongongoregi a fete a lope tuelo fela e e kwa godimo, a bua gore o ne a gana fela a sa potologe gore gase katlholo mo ke ntwa fela e e papametseng.

Ba lesika le bone ba letse ba boleletse Naledi gore monna yo o ne e le botlhokwa thata mo losikeng la bone ka o ne a rarabolola dikgang ka mefuta.  Mme ebile e ne e le mogakolodi kwa kgotleng kgolo ya motse wa Oodi ka e ne e le rangwanaakgosi.