Naledi

Ipabalelo tseleng le twantsho borukutlhi

Ke malatsi a mekete, boitumelo, pharakano e tona mo ditseleng le mo dipatlelong tsa magae le ditoropo. Ka maswabi ke nako gape e dikotsi tsa tsela le borukutlhi di yang magoletsa. Maiteko a sepodisi le ba lephata la mesepele le ipabalelo tseleng go fokotsa dikotsi le borukutlhi a tsibogela se e setseng ele selomodiro. Magotswana a eme ka dinao go dira tse a di kgonang go amoga setshaba dithoto le madi a sone ka di abo dile dintsi ka yone nako e babereki ba duetswe go menaganye kana ba filwe merokotso mo godimo ga dituelo tsa kgwedi le kgwedi. Bakgweetsi le bone ba bantsi mo ditseleng baa farakana. Bangwe ga ba kelotlhoko fa bangwe ba sena kitso e ntsi ya go kgweetsa. Ba bangwe ba bofafalele. Botlhe bakgweetsi ba le batsamayakadinao ba dirisa tsela. Pharakano e ye magoletsa ele semphete-ke-go-fete. Mo seemong se se ntseng jaana, diphoso di a diragala mme di felele ka dikotsi tse di gobatsang, di gapa matshelo, di ba di senya dithoto. Thulaganyo ya ipabalelo tseleng le twantsho borukutlhi le e gogwa kwa pele ke sepodisi le lephata la mesepele le ipabalelo tseleng, ke ya setshaba. Setshaba se tshwanetse go tshwaraganela thulaganyo e le maphata aa boletsweng gore e atlege. Ipabalelo tseleng e simolola ka dikoloi tse di itekanetseng go tsamaya mo tseleng di lekantse merwalo. Itekanelo e balela le go duela lekgetho la go dirisa tsela. Ipabalelo e balela le mokgweetsi yoo itekanetseng go kgweetsa a sa iphitisa dino kana diritibatsi. E raya gape le motsamayakadinao yoo kelotlhoko fa a dirisa tsela. Se se botlhokwa ke gore setshaba se nne boikarabelo fa se dirisa tsela go hema dikotsi. Sepodisi le lephata la mesepele le ipabalelo tseleng a ka gakolola fela. Setshaba ke sone fela se ka ipabalelang mo dikotsing ka go diragatsa dikgakololo tse di lebaneng le gone go ikgakolola ka bosone.

Borukutlhi le jone bo ka thibelwa fela ke setshaba se dirisanya le sepodisi go fokotsa bogodu ja madi le dithoto segolothata mo basepiding.