Naledi

George Rapoo David Mautlane

Naledi: Tlhalosa ka boripana ka ditso tsa Batlokwa

Mautlane: Re tlholegile kwa Lesotho rele Batlokwa ba ga Mantatisi. Yare re fitlha mo South Africa mo kgaolong tsa Pretoria Batlokwa ba ntlo e potlana tsaya bogosi mme ba ntlo e tona ba itidimalela ba seka ba ba lwantsha. Le fa go ntse jalo morafe o ne wa kgaogana. Mme Batlokwa ba batona  ba bidiwa Batlokwa ba ga Madidimale. Mme ba rapalala le noka ya Madikwe go fitlha ba tsena kwa nokeng ya Limpopo. Ba ne ba e kgabaganya mme baya go kopa bodulo kwa Gammangwato. Ba ne letlelelwa go nna le Batalaote ba Sefhophe ka paka ele ya dintwa tsa difecane merafe ya maAferika mo borwa jwa Aferika e tsogelelane. Batlokwa ba ga Madidimale ba tloga ba tshelela noka ya Limpopo ka kwa South Africa go tshaba merusu ee neng e tsositswe ke kgosi ya nako eo ya Batalaote le Matebele a ga Mzilikazi. Batlokwa bao ba fetile ba thibelela mo Petersburg kwa ke tsholetsweng ka ba ka golela teng.

Naledi: O tsenye sekole kae, wa felela mo lekwalong lefe?

Mautlane: Ke tsenye sekole se sebotlana le sa sekondari kwa Petersburg mme ka felela mo ngwageng wantlha wa matric. Morago ga foo ke ne ka ya go dira dithuto tsa selemisi tsa ngwaga tse pedi kwa Cape Province mme ka di wetsa ka 1957.

Naledi: O rre wa lelwapa. O kopanye le mohumagadi wa gago kae, leng?

Mautlane: Ke bereketse kwa Kanye lobaka lo lo leele. Ke gone kwa ke kopanyeng le mosadi yo ke mo nyetseng ebong Ellen Koobotse Mautlane ka 1965. Re segofaditswe ka bana ba le barataro, basimane ba bane le basetsana ba babedi. Gompieno ke bagolo ba na le malwapa a bone. Basimane ba babedi ba nyetse, waboraro o senyegetswe ke nyalo. Wabone gaa nyala re nna nae mo lwapeng. Mo basetsaneng, ale mongwe o senyegetswe ke nyalo fa yo mongwe a ise a nyalwe. Banababana bame ba supa. Ga ise ke nne le dikokomane.

Naledi: O berekile kae sebaka se sekae?

Mautlane: Fela fa ke fetsa dithuto tsa selemisi ka bo ke kopa tiro kwa Mahalapye Department of Agriculture. Ke ne ke sa batle go berekela ka fat lase ga Maburu ba ba neng ba sotla bathobantsho ba ba gapela masimo le leruo.

Ka 1958 ke ne ka romelwa kwa Kanye go ya go berekela teng dingwaga tse 12. Go tsweng Kanye ke ne ka isiwa dithutong tsa Farm Management and Extension kwa lefatsheng la Israel dikgwedi tse thataro. Go boeng kwa Israel ka feta ka ruta mo sekoleng sa temothuo Botswana Agricultural College (BAC) dingwaga tse tlhano. Ke tlogile ka romelwa kwa Molepolole ke le molemisi dingwaga tse supa. Ke ne kaya go tsweledisa tiro eo kwa Tsabong dingwaga tse pedi ka 1979 go fitlha 1980. Sir Seretse Khama o tlhokafetse ke le kwa Tsabong. Ke tlogetse bodirelapuso ka 1980 go tsene mo kgwebong.

Ke ne ka bitswa ke Kweneng Rural Development Association (KRDA) go ya go okamela tiro ya lekgotla leo ya temo ya ditlhare (forestry manager) dikgwedi tse thataro. Go tsweng foo ke ne ka hirwa ke tautona wa pele Sir Ketumile Masire ke le motlhokomedi wa dipolasi tsa gagwe (farm manager) kwa Ghantsi  dingwaga tse pedi. Fa ke bowa kwa Ghantsi ke ne tla ka tsweledisa kgwebo yame ya small general dealer and fresh produce.  Moragonyana ke ne ka hirwa ka konteraka ya kgwedi tse robabongwe ke le morutuntshi kwa BAC.

Naledi: A gona le ditiro tse dingwe tse o di dirang kgotsa tse o di dirileng?

Mautlane: Kena le tshimo ya merogo mo kgaolong ya Lentsweletau. Ga ke sa tlhola ke e lema jaaka pele ka jaanong ke sena thata. Ke ne ke ntsha merogo ka mehuta ke e rekisa.

Mo godimo ga merogo ke ithutile go dupa metsi go thusa batho go sika didiba. Le fa metsi a seyo ke kgona go tlhobosetsa mong wa lefelo gore ga ke a a bona. Gompieno yoo tlhokang thuso yame go dupa le go sika metsi a ntseye abo a mpusetse mo lwapeng.

Naledi: O itlosa bodutu ka eng?

Mautlane: Ke rata go lebelela kgwele ya dinao bogolothata ka ke ne ke e tshameka ke sale monana.

Naledi: Ao ka tswa o goga motsoko kana o itsitsibosa ka bojalwa?

Mautlane: Ke kile kabo ke goga motsoko ebile ke enwa bojalwa. Mme tsoopedi ke sale ke di lesitse ka dingwaga tsa bo 1965 ka mabaka a botsogo.

Naledi: Mo go tsa tumelo gone o eme jang?

Mautlane: Ke sale ke kolobeditswe mo kerekeng ya Roma ke le monnye. Le gompieno ke santse ke e tshwere ka natla.