Naledi

Magosi a a ririmela

Magosi
 
Magosi

Setlhopha se, se se bidiwang Maaparankwe, go lebega leina le le fetogile mo se ka bidiwang Magosi Maaparamathata, ka gobo go se sepe se se bonolo mo go sone.

E rile liki ya ngwaga e e fetileng e ya bokhutlong, Magosi a bo a le mo maemong a bobedi. Mme ebile tota se kile sa gomagometsa go fenya bosimega jwa liki e. Maemo a a bobedi a seka a kgona go tiisa setlhopha se moko ka go ne go utlwala gore morotloetsi mogolo wa sone, Jamail Sayed, o kgaogana le sone. Fa dikgang tse di wela ka ditsebe tsa barati le balatedi, ga bolelwa gore mokatisi Mike ‘Dubuladubula’ Sithole le mothusi wa gagwe Michael ‘Lepako’ Mogaladi ba tlogela setlhopha se.

Tse tsa supa sentle gore ngwaga e e latelang ya liki ya 2016/17, Maaparankwe a ka nna a patelesega go apola nkwe ka go sa direng sentle mo liking e. Bothata jo jwa go tsamaya ga bagolo ba setlhopha jwa latelwa ke go tsamaya ga batshameki ba ba tlhwatlhwa le maitemogelo a a kwa godimo.

Batshameki ba, ya bo e le Lemponye ‘FC’ Tshireletso, Tendai Nyumasi , ba ba neng ba thusa setlhopha se thata go dira sentle ngwaga e e fetileng.  Mme ebile ba tsweletse le go dira sentle kwa ditlhopheng tse ba leng kwa go tsone. Diphatlha tse di butsweng ke botlhe ba ba tsamaileng di tlogetse Magosi e le motlhofo go gaisa ditlhopha tsotlhe tsa liki e kgolwane go akaretsa le tsone tsa bosetlabosheng.

Liki ya monongwaga e e simolotse fela ka bothata jo bogolo jwa Magosi mo barati le balatedi ba yone ba bonang sentle gore ngwaga eno ga e ne ea komakoma. Dikoma tsa bone le tsone tsa utlwala di le kwa tlase ka go sena sepe se se ba tiisang moko go di ntsha.

Magosi e setse e supa sentle gore tota e goga bokete, ka e palelwa le ke go fenya ditlhopha tse di magorogomasha mo liking e. E ne ya ipona fela e tshameka maleka le setlhopha sa Security Systems, e bo e sa tlhabiwe ke ditlhong go ntshiwa ke Jwaneng Galaxy FC mo kgaisanyong ya Mascom ya tse ditona, pele ga e boa e e fenya mo motshamekong wa liki bosheng.  Fa ekare se gase a lekana, Magosi Maaparankwe ya supa gore ga e sa tlhola e le Maaparankwe, mme e le Maaparamathata ka go tlhaselwa ke bosetlabosheng ba bangwe Black Forest mo liking maloba a maabane. Dipotso jaanong di mafaratlhatlha, gore tota bothata jwa sekaku bo fa kae? Mokatisi Bongani Mafu o ikuetse ka letlhoko la kemonokeng. Kwa ntlong le gone ke bothata ka go le makgamu a a lwelang setlhopha se, ebile gape go sena madi a a lekaneng go duela batshameki fa kgwedi e fela.

Ntswa gona le dikgang tsa dinonyane tsa gore babeeletsi bangwe ba kgatlhegela go inaakanya le Magosi, thupa yone e tsweletse ka go lela mo ebile seemo se seka felelang se beile Magosi fa thoko ga selepe sa magagane mogang liki e ya bokhutlong. Se se ka kgannwa fela ke mosamarai yo o molemo a se tswa thuso.