Naledi

#HIV Prevention e raya eng?

Banaleseabe botlhe le bone ba dira ka natla go rola melaetsa e e itebagantseng le thibelo kanamo ya mogare wa HIV le matlhoko a mangwe a thobalano.

Melaetsa ka thibelo malwetse a majapolaelo jaaka TB le yone e tlhwaafaletswe. Kwa setlhoeng maiteko a tsotlhe tse ke dipalo tsa dintsho tsa batshela-le-mogare tse di tshwenyang. Di ne di lebega di fokotsega mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng. Dintsho tsa batshela-le-mogare di kile tsa bo di bakiwa thata ke ditlamorago tsa diritibatsi. Mme morago ga go tokafatswa dintsho tsa fokotsega. 

Malatsi ano gase ditlamorago le letlhoko la kalafi tse di bakang dintsho tse. Mme ke go sa tseyeng kalafi sentle le go anama ga mogare mo batsheleng-le-mogare.

Setlhogo sa monongwaga sa letsatsi la segopotso sa ntwa kgatlhanong le HIV le AIDS se raya eng mo go rona batshela-le-mogare? Go setse go lemosega ka dipatlisiso dingwe mono gae gore batshela-le-mogare ga ba sa tlhola ba diragatsa maitlamo a bone jaaka ba ne ba simolola diritibatsi. Mogare o tsweletse ka go anama magareng ga bone.

Mme ka jalo diritibatsi di felele di sa bereke sentle, le mebele ya batshela-le-mogare e koafalele pele. Dikarolo tsa mmele ka go farologana jaaka diphilo le sebete di a amega.

Go santse gona le batshela-le-mogare ba ba itebang jaaka ekare ba fodile. Mme ke bone ba ba felelang ba tshabelelwa ke go koafalela pele.

Tota ‘Hands up for #HIV Prevention’ e tshwanetse ya simolola ka rona batshela-le-mogare ka go itshireletsa mo go amiweng ke mogare o mongwe oo ka dirang gore diritibatsi di seka tsa bereka mo go rona.  Re bona jalo batshela-le-mogare ba bomme ba ima thata.

Mme go lebega ekare ba ikantse lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa loseeng. Lefa gotwe ditshwanelo batho! Gape, borre bone ba amiwa ke mogare wa poelelo. Mme se se ba bakele malwetse a majapolaelo. Phelelong masole aa wele tlase gape, fa mogare one o kubugela(kgomogela) mmele.

Jaanong, rele batshela-le-mogare a re ikgakologelweng.

A re tsweleleng ka go dirisa dikhondomo le go nwa diritibatsi sentle ka nako. ‘Hands up for #HIV Prevention’ e re raya rotlhe. A re femeng mogare wa poelelo.

Jaaka re ya malatsing a boitapoloso, a re ipapaneng ka dikhondomo. Mme re seka ra raelesega go e latswa boloto. A re akoleng malatsi a boitapoloso ka go itekanyetsa dino le go itlhokomela mo maitisong, le mo ditseleng.