Naledi

Movers e kgaupetsa Matjimenyenga

Movers e ne ya kgaupetsa Matjimenyenga mo motshamekong o o neng o tlola ditlhase fa bobedi jo bo ne bo kgaogana dintlha ka nno setlhopha kwa lebaleng legolo la Francistown. Ya re fela motshereganyi, Rre Keabetswe Dintwa, a letsa phala go somolodisa motshameko, Movers ya kubugela (kgomogela) TAFIC.  Mme ya re e dira jalo motshamekamorago wa Matjimenyenga, Thato Mosweu, a tshameka makgwakgwa Lesego Moiphemedi. Mme motshereganyi Dintwa a mo otlhaya ka thago ya neelano (indirect kick).

Mo thagong eo mokapotene wa Movers, Chikudza Masole, a golola thago e e mashetla e e fitlhetseng motshwaradinno wa TAFIC, Thatayaone Thandazela, a sa e solofela. Mme ya re go leka go e thibela ya mo tseisa sedidi. A seka a tshegetsa kgwele sentle mme a e phailela mo maotong a ga Moiphemedi yo ka bofefo a neng a lemoga Akanyang Akanyang a le nosi mo lebokosong la dinno tsa ga Thandazela. A seka a tlhola a shebasheba Akanyang, mme a tswapetsa kgwele motlhofo go fa setlhopha sa Movers ketelelopele.

Movers ya tia moko e neelana kgwele bonolo mo mpeng ya lebala. TAFIC yone ya bo e rwele mokgweleo wa go sireletsa. Mme ka bobelotelele ba leka ka bojotlhe go boela mo tshamekong. Lemorago la Movers la bo le le malala a laotswe. Mo sephatlong sa oura motshamekapele wa Movers, Moiphemedi, yo a neng a tsentse lemorago la Tafic lesukasuka, tota ka bokete ja mmele, a le ralala a bo a tsena mo lebokosong go tswa kwa mojeng. Mme a raga mogagamola wa kgwele mme ya kitla kota le go kgaola dipelo matshwititshwiti a balatedi ba Matjimenyenga. Se e ne e tlaabo ele nno ya bobedi ya Movers fa e ne e nole.

TAFIC e ne ya tswelela ka go batla nno. Mme yare metsotswana pele ga motshameko o ya bokhutlong, Uyapo Thibathuwe a ba fa tsholofelo ka thago e ntle go tswa fa pele ga lebokoso. Mme maiteko a a retela jaaka motshwaradinno wa Movers, Montsholetsi Bosweletse, a tsapoga jaaka katse a sireletsa kwa koteng e e kgakala.

Morago ga boikhutso, Matjimenyenga ya supa mokgwa wa yone. Metsotso e le meraro morago ga tshimologo ya karolo ya bobedi, Thato Mosweu a romela kgwele mo lebokosong la Movers, ya tlola ditlhogo tsa lemorago. Mme ya wela mo go Molebatsi Kangangwani yo o neng a le nosi kwa koteng e e kwa morago. A seka a nepa kgwele mme ya tswela kwa ntle. Ditlhopha tsoopedi tsa tswelela ka go itaana ka noga e utlwa. Morago ga metsotso e lesome le botlhano mo karolong ya bobedi, Matjimenyenga ya gogela kwa ntle Kemoreng Batisani le Uyapo Thibathuwe mme ya golega kwa pele ka Mbatshi Elias le motshamekagare Matlala Mmotong go oketsa tlhaselo.

Mmotong a dira fela jalo ka go emeletsa balatedi, morago ga tshireletso ee bokowa ya lemorago la Movers. A tsaya thago e ntle go tswa fela fa pele ga lebokoso mme ya feta ka noko ya kota. Ka nako e botlhe ba ne ba solofetse go bona letlowa le tshikhinyega.

Matjimenyenga ya simolola go oketsa lebelo la motshameko. Mme Mbatshi Machongo yo gape a itsegeng ka go tsosolosa tshameko ya setlhopha, ebile a ipela ka sekipa sa lesome, a thanya mo maibing le go tlodisa koi lemorago la Movers.  Go ise go ye kgakala Tafic ya abelwa sekhutlo. Elias yoo sa tswang go tsena a tsenya kgwele e ntle mo lebokosong. Motshwaradinno Bosweletse a e thula mme ya wela mo go Phineas Kgotlaang. A seka a diega a hula. Mme ya thula lemorago le go fitlhela Mooketsi Mampori a le nosi mo botsetsing ja Movers. A seka a dira phoso a lekalekanya dinno go emeletsa balatedi ba Matjimenyenga.

Seo ya bo ele tlhaselo ya bofelo. Motshereganyi Dintwa a kgadiepetse nakana gabedi go kgaoganya ditlhopha. Maleka a raya gore Tafic e lekana kwa setlhoeng le setlhopha sa BR Highlanders ka dintlha tse 22 le dinno tse 12, fa Movers e sa suta mo maemong a bosupa. Mokatisi wa Tafic, Blessing Moyo, o ne a sa itumelela maduo a supa fa ba ne ba tlhoka phenyo go netefatsa fa ba tlaa feleletsa legato lantlha la setlha kwa setlhoeng. Molekane wa gagwe kwa Movers, Edward Leposo, ene abo a itumeletse maleka kgatlhanong le baeteledipele ba liki ya bokone.

Tafic (0) 1 (Mooketsi Mampori 35)

Movers (1) 1 (Akanyang Akanyang 1)