Naledi

Chouka e kgarameletsa Satmos mo seretseng

Ya bo ele jaaka Chouka e tsosolosa serodumo sa yone morago ga go fenngwa ke BR Highlanders ka tse tharo go ele nngwe beke e e fetileng.

Go a supagala gore ditlhopha di shenne meno di batla go iphitlhela dile kwa setlhoeng sa liki jaaka e ya boikhutsong jwa legato lantlha.

Chouka ee leng mo maemong a boraro mo liking ya bokone, e tsene mo motshamekong e digile moetse morago ga tatlhegelo kgatlhanong le BR Highlanders mme ya simolola tshameko ya yone le Satmos e ole mowa. Metsotso yantlha e e lesome le botlhano, ya bo ekare ditlhopha tsoopedi di a tshabana go sena sepe se se dirang matshosetsi. Ka motsotso o o latelang Satmos ya tlhapa ka tshono morago ga go sa sola molemo sekhutlo.

Chouka e ne ya dira diphetogo ka motsotso wa bo 22, ba ntshetsa kwa ntle Boipelo Oaitse ka kgobalo, mme ba tsenya Kealeboga Oitsile. 

Metsotsonyana pele ga boikhutso, Chouka ya dira ditlhaselo ka motsamao wa ga Katlego Ralegoreng le Itumeleng Mabuaame. Mme ba retelelwa ke go nosa jaaka motshwaradinno wa Satmos, Ogopotse Tshole, a ne a kgaphela kgwele kwa thoko ga dikota.

Motlakase wa magala a Morupule wa tla ka phefo ya bokone mme Chouka ya simolola go itharabologelwa morago ga boikhutso. Batshamekamorago ba Satmos ba tloga ba theogela thata jaaka batshamekapele ba Chouka ba ne ba goroga kgapetsakgapetsa kwa dikoteng tsa ga motshwaradinno Tshole.

Ka motsotso wa bo 52 Chouka ya dira maiteko a go nosa ka tlhogo ya ga Oitsile. Metsotso e merataro morago ga maiteko a ga Oitsile, motshwaradinno wa Satmos a ogola kgwele e nngwe mo koteng balatedi ba Chouka ba setse ba e baletse.

Yare ka motsotso wa 36, Chouka ya oketsa lebelo la motshameko ka maoto aa santseng a ikutlwa a ga Emmanuel Olerile morago ga go ntshetswa ntle ga ga Mabuaame. Satmos le yone e ne ya ntsha Bilo Kgethang a emisediwa ka Tshephang Manabalala.

Ka motsotso wa bo 79, motshereganyi, Rre Batsile Letsogile, a supegetsa Letlhogonolo Basupi wa Satmos karata e khibidu morago ga go tshameka Oaitse makgwakgwa.

Yare ka motsotso wa bo 87, Olerile a tlhoma Chouka kwa pele a golola lerumo la kgwele ale mo khubung ya lebala. Motshwaradinno Tshole a seka a e bala sentle. Mme a utlwa ka loshalaba lwa balatedi ba Chouka. Ya bo ele nngwe Chouka lefela Satmos.

Yare ka motsotso wa tlaleletso wa bo 94, Chouka ya tlhomela Satmos ka nno ya bobedi ka tlhogo ya ga Thapelo Chabalala. Go lebega Chabalala ele mongwe wa bao ba ba tlaa gaisanelang lobelo lwa motshameki yo o nositseng dinno tse dintsi tsa liki ya Debswana.

Mokatisi wa Chouka, Pule Mogotsi, o tlhalositse fa a itumeletse phenyo le fa basimane ba dule mo maibing thari morago ga tatlhegelo ya bone kgatlhanong le Highlanders maloba. Chouka e etela Real Movers ka mafelo a beke.

Mokatisi wa Satmos, Kgosietsile Jacob, a re maduo a phenyo a kabo a ile mo setlhopheng sa gagwe kana sa Chouka. A re dithopha di ne di lekana ka mashetla. Jacob o ne a bolela fa a sa itumedisiwa ke tshwetso ya motshereganyi Letsogile, ya karata e khibidu.