Blogs

Jalo, ke fa re tlhoma ngwana

Tse dingwe jaaka morula, mmilo, moretlwa, ke tsa maungo.  Dingwe gape, di bolelwa di alafa malwetse mangwe. Sengwe sa tse se bolelwa e le sengaparile. Setlhare se, ba re se sentsi  thata kwa Kweneng.

Re utlwa fa khampane ya Matebeleng Milling e reka setlhare se koo go se rekisetsa mafatshe mangwe, a a moseja ga mawatle, go dira melemo ka sone. Go utlwala fa sengwe se rekisiwa e le sone sengaparile tota, mme se sengwe se rekisiwa se sidilwe, se le boupi.

Ga twe  se, se bone dipoelo tse di nametsang. A mme  tlhe dipoelo tseo, di se nyeletse lehumo la rona. Re ka sala re le ba ga mang? Polelo e ya kgwebo ya sengaparile re e fitlhela mo go Dikgang (Daily News/Phalane 05 2018)

Fa e bega ka fa mogolwane wa khampane ya Matebeleng a reng ba dira kgwebo ka teng, Dikgang/Daily News  ya re;

‘…..ba tshwaraganye le lephata la Tlhokomelo Dikgwa ka ke lone le fang banni tetla ya go bapala setlhare seo le go bona gore khampane e reka selekanyo sese beilweng.’

Le gompieno re tlaa nna re re, bala temana e e fa godimo e sentle mme mo go yone o tlaa bona lefoko ‘sese.’ Potso e nne gore, a o bona lefoko le, le dirisitswe sentle kgotsa nnyaa? Fa le sa dirisiwa sentle, phoso e fa kae, molato ke eng ka lone? Fela jaaka gale, ga re itse gore wena o tla araba jang. Mme rona karabo ya rona ke gore, lefoko le ga le a dirisiwa sentle.

O botse gore ga le a dirisiwa sentle jang. Re re, phoso ke gore, lefoko le, le tshwaragantse mafoko a tota a ka bong a kgaoganye, la a dira lefoko le le lengwefela, e leng ‘sese.’ Gongwe o nne o botse gore, molato ka ‘sese’ ke eng? Ela tlhoko gore o bitsa ‘sese’ jang. Gape, lefoko le, le raya eng?

Re itse gore, Motswana ke motho wa go bua a nolofatsa mafoko. Go na le dilo dingwe tse e reng a bua ka tsone, a se ke a tlhamalale, a dirise mafoko a tota a ka bong a dirisiwa. Sekai ke gore, ga e re motho a sule, Setswana se tlhamalale fela se re motho o sule. Se nolofatsa lefoko go swa, se re motho o tlhokafetse, o ile, o re tlogetse,; go dirisiwe le a mangwe fela jalo. Go bua jalo, e le fela go nolofatsa puo gore dipelo di se ka tsa hubila thata. Mafoko mangwe Setswana se a dikologe, se se ke se a dirise jaaka go tshwanetse, ka jaana batho bangwe ba tlotlile go a dirisa e le ditlhapa, kgotsa, matlhapa. E re motho a tiketse ka kwa mahuri, go se ke go twe o ile go dira yone tiro eo. Boemong jwa seo, go twe o ile ntlwaneng, kana, o ile seemelong. Fela jalo ka lefoko ‘sese.’

Lefoko le, le dirisiwa fa ngwana a rutwa go itlhoma kana go dirisa ntlwana. Ngwana a tlhongwe fa fatshe, kgotsa, mo setlhomong mme boemong jwa go dirisisa lone lefoko le tota le ka bong le dirisiwa, go twe, ‘sese nnana, ya sese.’  Ngwana a tlakisiwe go nne go twe, ‘s- - -, s- - -, s- - -sese nnana, sese.’ Fa go ntse go tsweletse ngwana a utlwe, a tlhaloganye, a felele a dira se go tweng a se dire. E re a dirile jalo, go twe, o ile sese.

A itumelelwe go twe, ‘O botlhale nnana, mme le ene a itumele, a tshegatshege, tiro e diregile sentle. Mme a nne a dire fela jalo, go fitlhelela a itse gore fa go twe sese go tewa gore a reng. E re fa a ntse a tla a gola, jaanong a simolole go ikisa kwa ntlwaneng, go ya sese, le lone lefoko leo, a le dirise.

Fa e le gore ga o tlhaloganye, kana o latlhegile, ga o itse gore jaanong re fa kae, kgang ya rona ke gore, mo temaneng e re e nopotseng ele, lefoko ‘sese,’ga le a dirisiwa sentle, ka tota ga le nyalane le se se buiwang.

O botse gore, ka ‘sese’ ga a dirisiwa sentle, lefoko le le ka bong le dirisitswe, le nyalana le se se buiwang, ke lefe? Go araba potso ra re, re setse re buile gore, ‘sese’ o dirilwe ka mafoko a mabedi, a tota a ka bong a kgaoganye; phoso ya nna gore mafoko ao, a patagantswe, a nna lefoko le le lengwefela.

Temana ele e supa gore, batho ga ba bapale sengaparile fela jaaka ba batla, e se re gongwe ba tloga ba se nyeletsa. Go thibela se, ba tshwanetse go fiwa tetla ke Lephata La Tlhokomelo Dikgwa (Department of Forestry and Range Resources).

Fela jalo, Matebeleng Milling le yone ga e letlelelwe gore e ka reka fela ka fa e bonang kana ka fa yone e batlang ka teng. Boemong jwa seo, go na le selekanyo sa gore e ka reka go le kana ka eng, kgotsa ya reka bontsi bo bo kae, e le jo bo letlelelwang ke puso. Jalo he, mo temaneng ele, go kwala sentle, ke gore re kgaoganye lefoko ‘sese’ re le dire mafoko a mabedi.

Re reng?  Re re, ‘se se’ mme temana e balege e re, ‘…..lephata…..ke lone le fang banni tetla ya go bapala….. le go bona gore khampane e reka selekanyo se se beilweng.’ Jaana, re tlaa bo re kwadile sentle, go nyalana; go dumalana. Mme fa re re ‘….sese…..’ nnyaa, foo re latlhegile.  Re bua jalo fa re tlhoma, re kotamisa ngwana, re mo ruta go ya sese.