Naledi

NACA e akgola BONEPWA

Dikago tsa NACA
 
Dikago tsa NACA

Kenosi o buile se jaaka a ne a bula semmuso bokopano jwa ngwaga le ngwaga jwa BONEPWA+ beke e e fetileng.

O boletse fa lekgotla la BONEPWA+ fela jaaka a mangwe mo Botswana a a itebagantseng le go thusa puso mo go lwantsheng mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, a ne a lebanwa ke dikgwetlho tsa letlhoko la madi mme seemo sa dira gore mananeo a one a kgoreletsege.

A re o itumelela gore BONEPWA+  e kgonne go diragatsa tsotlhe tse di neng di lopiwa ke banaleseabe ba dithuso tsa madi le puso ka kemonokeng ya lekalana la NACA.

Kenosi o boletse gape fa mo dingwageng tse tharo, bogogi le botsamaise jo bosha jwa BONEPWA+ bo kgonne go fitlhelela ditharabololo tsa dikgwetlho tse di neng di lebane lekgotla le.

E ntse ele kwa bokopanong jo, Kenosi o ne a solofetsa BONEPWA+ le makalana a mangwe a puso a e ntseng e a ema nokeng gore puso ka kemonokeng ya NACA, a tlaa tswelela thusiwa ka madi le dithuso tse dingwe go imolol;a puso morwalo wa go lwantsha mogare wa HIV bogolosegolo thibelo ya one, bogolojang ka maikaelelo a maitlamo a boditshaba a 90-90-90-.

Kenosi o ne gape a nna le sebaka sa go baya pele batsenaphuthego ba bontsi jwa bone e neng ele maloko a mekgatlho ya batshelalemogare (PLHIV Support Groups) maitlamo a masha a mananeo a BONEPWA+ (Strategic plan 2016-2020).

Ya re a gakolola maloko a BONEPWA+, Kenosi a ba bolelela gore nako e gorogile gore lekgotla la bone le itebaganye le mananeo a a popota a thibelo kanamo ya mogare o mosha le mo go ba ba tshelang le one.

A re puso e santse e lemoga botlhokwa jwa BONEPWA+ . Ke ka moo  e tlaa tswelelang e ema nokeng lekgotla le mo maitlamong a lone.