Naledi

Itsholelo ya Botswana

Tautona o buile ka tatlhego ya ditiro kwa meepong ya Selebi-Phikwe le Tati mme a seka a tsenela kwa teng ka maemo a tshoganetso a babereki ba ba fetang  6000 ba ba latlhegetsweng ke ditiro ka kgwedi ya Phalane monongwaga. Tatlhego ya ditiro tseo fela ka bo yone e raya gore batho ba ka feta 20 000 ba ba ikaegileng ka babereki bao ba mo diphatseng tsa

khumanego le tshotlego ntateng ya itsholelo ee phutlhameng ka tshoganetso ya malwapa a bone.

Ere ntswa go na le mathata a mangwe aa amang Botswana, seemo sa kwa kgaolong ya Selebi-Phikwe se na le matshosetsi a matona. Se ka phutlhamisa itsholelo ya lefatshe lotlhe fa se sa elwe tlhoko le mororo go tsewa gore Botswana o na le itsholelo ee itsetletseng ya selekanyo se se magareng mo lebopong lotlhe. Maemo a a tlhoka go tsibogelwa pele ga a tsenya lefatshe leno mo dipharagobeng tsa bogodu le bosinyi jo bongwe jo bo ka senyang thitibalo ee ntseng e rena mo Botswana. Nako e go ka bo go setse gona le dikompone tse di setseng di baakantswe go ogola babereki ba pele ba Selebi-Phikwe mo letlhokong la ditiro. Nako ya go laola seemo se sa tshoganetso e ntse ea fela ka monokela. Mme fa tsotlhe di tswa mo taolong gago itsewe gore se se tlaa diragalang se tlaa kakelwa jang.

Babereki ba pele ba Selebi-Phikwe ba tlhoka go tsewa fela jaaka ba maemo a tshoganetso a merwalela, kgwanyape, le thoromo ya lefatshe. Go tsaya seemo se ka go sele ke go iphaposa boammaaruri.

Re itse gore gona le lenaneo la go rudisa itsholelo le gantsi le tlhamang ditiro tsa nakwana bogolothata mo lephateng la dikago. Ere ntswa ditiro tseo di ogola setshaba mo lehumeng nako e dikago di a bong di dirwa fa di fela babereki ba kgona go boela gape mo lehumeng. Se se tshwanetseng sa emelwa ka dinao ke ditiro tsa sennelaruri.