Naledi

Sekatemosima

 

Tota ebile leina la yone la Sekowa ke sethora sa fa fatshe! Go farologana le sethora, sekatemosima sena le mogatla o moleele oo maudi oo ka nnang wa lekana le mmele wa sone go tswa maragong go felela kwa nkong.

Sekatemosima se mmala mosetlha oo nang le ditselana tse di tshweu tse di harahereng mokwatla di fologela lwa maotong a morago.

Sekatemosima se kgona go sorama se tsholeditse maoto a sone a pele. Se se dira gore se kgone go bonela kgakala jaaka se ntse se sekaseka tikologo go tlhola sepe se se ka se tshosetsang matshelo. Ere fa se bone matshosetsi se tswidinye ka fa go haphegileng go tlhagisa dikatemosima tse dingwe. Mme di loge maano go iphalotsa mo matshosetsi ao.

Thota ya sekatemosima

Se nna mo marotobolong, metlhabeng, matlotleng, le masimong fa se ka kgonang go epa mesima e se nnang mo go yone.

Mogatla wa sone o motona se o dirisa go itshireletsa mo letsatsi le go itshela mmu o se kgonang go tupa le go bidikama mo go one. Kwa mafelong a mangwe sekatemosima se kgona go tlhakanela thota le pswekete le mororo di sa tlhakanele mesima. Pswekete le ene o ikepela mesima ya gagwe go bapa le ya sekatemosima. Pswekete ene o montsho le fa a lekana le sekatemosima.

Dikatemosima tse ditonanyana di kgona go nna segopa se se ka simololang bo go boraro go ya go masome mabedi. Le fa go ntse jalo, di lwa ntwa ee botlhoko di lwela go heka tse dinamagadi ka nako ya fa di rophile.

Tse dinamagadi tsone di tsamaya ka sebedi kana seraro. Se se amusang sone se kgona go nna se le nosi mo mosimeng se santse se godisa bana ba sone sebaka sa malatsi ale 52. Sekatemosima se kgona go tsala bana ba ka nna bongwe goya kwa borarong. Se dusa malatsi ale 48 se bo se tsala bana ba ka nako eo baa bong ba buduletse ba bile ba sena boboa. Mme ere fa malatsi aa 52 a wela ba bo ba bona ebile ba na le boboa jo bo tiileng ba kgona go iphataphatela.

 

Dijo

Sekatemosima sone se tshela ka dimela(dirowa, medi, matlhare, dithunya, ditlhatshana) thata le ditshidinyana jaaka ditshoswane le makaka nako nngwe. Sekatemosima se senya dijwalo le thobo mo masimong. Se ja mmidi, dinawa le ditloo le tse dingwe.

 

Dira

Dikatemosima di tlhorontshiwa ke dibatana jaaka phokoje le tibe. Di tshwenngwa gape ke dinoga go balelwa le tlhware.