Naledi

Kua oketsa modumo � Maghebula

Maghebula
 
Maghebula

Fela, baopedi bone ba tsweletse ka go neela barati ba mmino dipina tse disha go ja monate, jaaka moopedi wa mmino wa Setswana Maghebula a sa tswa go golola alebamo e ntsha gore Batswana ba e akole ka malatsi a keresemose.

Alebamo e ke ya borataro ya ga Maghebula. O e biditse ‘Kua Oketsa Modumo’. Mme yone e na le dipina di le thataro tse tsotlhe a reng ke ene a ditlhamileng le gone go di kwala ka botswerere jo bo kwa godimo.

Morago ga go golola Go jewa batho, Gata ka lekeke, Re ne re tshameka, Gago sa ragwa ka lenao, Ke tenega ka bonako le ya bofelo Kua Oketsa Modumo, Maghebula o setse a itsege gore nako le nako fa a golola alebamo, barati le balatedi ba gagwe ba tla a bua ka yone sebaka se se leele.

Mme ebile e utlwala e lela gongwe le gongwe.

Se se dirwa ke molaetsa wa segolo o o bofitlha o o fitlhelwang mo dipineng dingwe tsa gagwe. Mme le yone alebamo e ya gagwe e ntsha e ntse fela jalo ka o a bo a ntse a tsene mo dikamoreng tsa borobalo go ntsha dikgakololo teng.

Pina ya ntlha mo alebamong e, ke Single Mothers, e mo go yone go buiwang ka bomme ba ba godisang bana ba le nosi borre ba eme ka dikutu tsa ditlhare.

A re o leboga bomme ba thata ebile Modimo o a ba bona ebile o tlaa ba fa masego le matlhogonolo. Ke pina e e rotloetsang bomme mo tirong e e thata e ba e dirang.

Kwa kamoreng ya borobalo gone Maghebula o kokota ka pina ya bobedi, Kua Oketsa Modumo, e e buang ka gore batho ba mo motshamekong o wa segolo.

Mme yo mongwe o didimetse fela, o ntse tsididi, le ntswa yo mongwe a dira ka natla, a tshameka bontle thata.

Mo pineng e Maghebula a re yo mongwe a kuwe a oketse modumo go fa yo mongwe mashetla gore dithago di oketsege le dinno di fete bongwe, bobedi, boraro le bone. A re, ‘kuela kwa godimo tlhe o etse phoko e tshetswe mogetlo o o bolelo. O tlogele go belaela, e le gore tota o belaela eng?’ Ke pina ya go tiisa lorato la batho ba babedi. E a binega ka dikatara tsa yone di tsamaelana sentle le lentswe la moopedi yo.

Maghebula o tswelela a supa sentle gore ke motho yo o tlhaloganyang botshelo.

Ke sone seo pina ya gagwe ya boraro eleng Re a Kolota. E yone e bua fela ka dikoloto tse batho botlhe ba tshelelang mo go tsone. A re a ope a seka a nna a hutsafetse ka go bo a kolota ka ase nosi, ka bangwe ba tsamaya ka dikoloi tsa sekoloto, le matlo a bone e le a sekoloto.

Go rotloetsa motho wa sekoloto go ema ka dinao go bina, Maghebula a re fa o nnela ruri o utlwile botlhoko, o ipiletsa malwetse a dipelo le madi  a matona go sa tlhokafale. Pina e fa motho a e reeditse bogolo jang yo o mo sekolotong, o ka kgona go fetola ka fa a ntseng a bona botshelo ka teng.

Dipina tse dingwe ke Makgarebe, Lo mo Retelang, e yone e buang ka gore Batswana ba rata go loba ditiro tsa motho tse di maswe, tse a di dirileng a sale botshelong.

A re go nna fela gotwe o ne a siame le ntswa a ne a tshabiwa bobe ebile a sa ratiwe ke ope ka ntlha ya boganka jwa gagwe. Pina ya Lerato ke yone e garelang alebamo e. Yone e bolela fela gore lerato ke la batho ba babedi.  Wa boraro ke masenyeletsa.