Naledi

Mosadi o bolaile mogolowe

Thamalakane river.PIC: MORERI SEJAKGOMO
 
Thamalakane river.PIC: MORERI SEJAKGOMO

Mo potsolotsong le Naledi, mogolwane wa mapodisi a Maun, Superintendent Motlhaba Ramabjwa o rurufaditse tiragalo e a bolela fa ele selo se se sa tlwaelesegang mo kgaolong ya gagwe. 

A re tiragalo eo, ee diragetseng ka Labotlhano o re tswang mo go ene ka nako ya bosupa mo maitseboeng, mme e begilwe ke moagisanyi wa moswi le monnawe yo gape go tlhalositsweng fa tiragalo e diragaletseng teng.

Superintendent Ramabjwa a re go tlhalositswe fa moswi le monnawe bane ba tlhoka kutlwisisano pele ba mekamekana. Gape, mongwe wa losika o tlhaloseditse Naledi mo potsolotsong fa bobedi joo ele batho ba ba itshielang mme e bile batle banne le dikomano morago ga go itshiela moo ga bone.

Moagisanyi o tsweletse a re ka letsatsi la tiragalo eo, bobedi joo bone bo itshietse jaaka tlwaelo mme ka maswabi ya re morago ga go tlhoka kutlwisisano ba lwa mme yo mongwe a latlhegelwa ke botshelo.

Fa go kwalwa kgang e, mmelaelwa o ne a ise a itshupe fa pele ga lekgotla mme a setse a tshegeditswe kwa kgolegelong ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Mo kgannyeng e nngwe, monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le borataro (16) yoo tlholegang kwa kgotleng ya Boseja mo Maun, o fitlhetswe a akgega mo setlhareng kwa motseng wa Shorobe.

Superintendent Ramabjwa a re moswi o fitlhetswe ke mokapelo wa gagwe fa a ne a ile go rwalela dikgong mme a kua mokgosi. Tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola malatsi a le mararo.

Le fa go nale magatwe a gore moswi o ile a tlhoka kutlwisisano le mokapelo wa gagwe pele a itseela botshelo, Ramabjwa a re ga gona molaetsa oo tlogetsweng ke moswi oo ka tlhalosang se se bakileng leso. Ditlhotlhomiso tsa dikgang tse tsoopedi di setse di tsweletse.