Naledi

Stimela se kgaupetsa Chouka

SENEPE: BONTE SEEPI
 
SENEPE: BONTE SEEPI

Stimela jaanong se kwa setlhoeng sa liki e ya bokone e mo pakeng eno barati ba yone ba e kayang ele thata go ka nopola mofenyi. Ba re go thata ya lentswe kwa setlhoeng.

Mo motshamekong oo neng o tshamekelwa kwa mabaleng a Swallows ka Matlhatso a re tswang mo go one, Stimela se ne sa kubugela Chouka ka go kgwa bokgakga jwa sone. Mme semoko sa sone sa tlala ka lebala la Swallows metsotso ya ntlha ya motshameko.

Ya re ka motsotso wa bo 24 motshamekapele wa BR, Charles Mojokeri, a dira maiteko a ntlha a go nosa mme ka maswabi kgwele ya feta kwa godimo ga dikotla.

Ya re Chouka e leka go kapa phefo mo kgatelelong ya Stimela, Mojokeri a tswelela ka go nna letshwenyo mo lemoragong la Chouka. Metsotso ele mebedi morago ga maiteko a ntlha a raga lerumo la kgwele mme motshamekamorago wa Chouka, Odirile Gabaleswe, a tshwanelwa ke go dira tshireletso ee botlhokwa ebile e le ntle. E ne yare morago ga maiteko ao motshereganyi, Rre Thuso Ramaphakela, a neela batshameki sebaka sa go itimola letsatsi jaaka mogote o ne o ntsha tlhapi mo metsing.

E ne yare ka motsotso wa bo 30, Mojokeri a feleletsa kgwele ya ga Bobby Ramatlhakwane ka tlhogo, e e neng ele sekhutlo ebile e kgabaganya. Mme a e atlanya le letloa go tlhoma setlhopha sa gagwe sa BR kwa pele.

Metsotsonyana fela morago ga nno eo ya bo ekare setlhopha sa Chouka se tlaa itharabologelwa mo semokong. Mme Stimela sa tswelela ka go kgwa semoko ka go dira matshosetsi a go nosa.

Yare ka motsotso wa bo 44, BR Highlanders ya kgobola legogo la ntho ya nno ya ntlha mme ya nosa ya bobedi kgatlhanong le Chouka ka Brian Kobe. Kobe o ne a dira jalo a sa tswa go amogela kgwele go tswa kwa khubung ya lebala ka neelano ya gagwe le Gofamodimo Tarea.

Fela jaaka e setse ele selomodiro, Thapelo Chabalala a arabela Chouka a dira jalo a feleletsa thago ya ga Thatayaone Gaokgorwe mo motsotsong wa tlaleletso wa bo 48 wa karolo ya ntlha. Ditlhopha di ne tsa ya boikhutsong morago ga nno eo.

Mo karolong ya bobedi ya motshameko, ditlhopha tsoopedi di ne tsa dira diphetogo. Mme Stimela e ne ya tswelela ka go kgotlela Chouka gangwe le gape. Ya re barotloetsi ba solofetse go bona lerole le thunya go supa fa ditlhopha di tlhaselana, motshereganyi Ramaphakela a simolola go tlhodumela dikgwatlha tsa gagwe kgapetsakgapetsa mme a dira jalo ka go fapha basimane ka dikarata tse di mmalwa. Dikgobalo le tsone tsa tsena. Mme yare ka motsotso wa  bo 74, motshameki wa Chouka, Kemiso Nswazi, a bona kgobalo ee masisi morago ga go thulana le wa Stimela, Ookeditse Oagile. Nswazi o ne a patelesega go tswa mo motshamekong mme a isiwa kokelong. Yabo ele jaaka Oagile a ikgapetse karata e khibidu.

Motshereganyi Ramaphakela o ne a tswelela ka go aba dikarata mme a otlhaya Chabalala ka e e serolwana morago ga gore a tshameke Agisanyang Ramaabya makgwakgwa. Go ise goye kae, Ramaphakela a neela Kemiso Silas karata ee serolwana. Moragonyana ga foo otlhaya Emmanuel Thakadu wa BR le ene ka e e serolwana.

Yare ka metsotso ya tlaleletso ya bo 99, Tshephang Boithatelo wa Chouka, a tshameka Thakadu makgwakgwa mo lebokosong. Mme BR ya iponela thago e khutshwane. Ya bo ele jaaka Leonard Sam a netefatsa gore Stimela se fenya Chouka ka dinno tse tharo go ele nngwe.

Mokatisi wa Chouka, Pule Mogotsi, o boleletse Metshameko ya Naledi fa ba sale ba latlhegetswe ke motshameko ka karolo ya ntlha ka jaana basimane ba gagwe ba ne baseyo mo motshamekong. Chouka e thulana le FC Satmos ka mafelo a beke.

Mo letlhakoreng le lengwe, mokatisi wa BR Highlanders, Oris Radipotsane, o akgotse basimane ba gagwe a re ba tshamekile sentle. Stimela yone e thulana le Ecco ka mafelo a beke.