Naledi

Kaelo o setswe ke botubi morago?

Erile bosheng a bo a belegisiwa mesobana go tswa ka kgoro ya setlhopha sa Notwane le ntswa se dira sentle mo liking ya ntlha ya setshaba ya Debswana.

Setlhopha sa Notwane se ne sa seka sa dira sentle mo ngwageng ya ntlha se sena go wela kwa tlase mo liking e ya Debswana, bogolo jang mo metshamekong ya sone ya ntlha. Ka nako eo bontsi jwa barati le balatedi ba kgwele ya dinao le bone ba Notwane, ba ne ba setse ba dumela gore e ya go fetela kwa liking ya ntlha ya dikgaolo. Fa ba neng ba setse ba itlhoboga teng, mongwe a ba bolelela ka mokatisi Kaelo Wire Kaelo yo o itsegeng thata ka go falodisa ditlhopha tsa liki ya Debswana. Ene ka nako eo ne a le kwa setlhopheng se sengwe wa Debswana sa Modipane United kwa Kgatleng.

Kaelo o ne a gogwa kwa Modipane United a tabogetswe ke botsamaisi jwa sone go tla go ogola setlhopha mo tebetebeng ya go wela tlase ga liki ya Debswana. E erile go goroga teng a seka a ba swabisa ka a ne a tla fela ka diphenyo tse di botlhokwa go tokafatsa Modipane United mo maemong a loko ya Debswana.

Ke seo erileng fela go phuaganya Modipane United a leba kwa Notwane. A feta a fenya metshameko e le mmalwa ka go latelana. Barati le balatedi ba Notwane le bone ba simolola go bolela gore se setlhopha se bidiwa setshaba. Dipina le megolokwane ya bone ya utlwala kgakala. Ke sone se se neng sa thusa gore ere liki ya Debswana ngwaga e e fetileng e ya bokhutlong, Notwane e bo e le mo maemong a mantle a loko. Se sa tswelela gore ere liki ya monongwaga ya debswana e simolola Notwane e dire sentle. Se se hakgamatsang ya nna fa go utlwala dikgang tsa gore Notwane e kgaogana le mokatisi Kaelo.

Dikgang tse tsa hakgamatsa bontsi thata ka mongwe le mongwe a bona fa setlhopha sa Notwane se dira sentle thata ka se gwetlha bosimega jwa liki ya Debswana ya monongwaga.

Kaelo o kile a utlwa botlhoko thata ka ngwaga e a neng a thusitse Security Systems go tlhatlogela mo liking ya beMOBILE. Go ne ga bolelwa fa setlhopha se sa duela madi a boloko. Kaelo a bonwa a lela selelo se se botlhoko, keledi e rotha mongwe le mongwe a mo lebile. Mme setlhopha se a boa a dira le sone kwa liking ya Debswana kwa a neng a ntse a ntsha maduo a a itumedisang. Fela, ga hakgamatsa gape go utlwa gore o kgaogane le sone.

Potso e e setseng fela ke gore mokatisi Kaelo tota o tlaa kgala leng keledi matlhong go itumelela maduo a ditiro tsa gagwe? A o tlaa tswelela a ledisiswa ke motshameko wa kgwele ya dinao ngwaga le ngwaga?