Blogs

Jalo, a dirisitswe jaaka lediri

Go buiwe gape ka HIV/AIDS gore le yone e itlhatlhobelwe. Ba tswelele ba re, go thibela malwetse a a sa tshelanweng a, batho ba je dijo ka go di tlhaola, ba ele tlhoko gore ba ja eng. Go twe, a ba se je sengwe le sengwe fela, e se re gongwe, dijo dingwe tsa tloga tsa ba tsosetsa malwetse ao.

Mme kana go bua ga se go dira. O ka bua le batho, ka tsebe ba tsaya, mme ba felele ba sa dire sepe. Fa go nna jaana, gore o eme ka dinao, ka tsela nngwe o kgothatse batho go dira. Jalo he, re a tle re bone nako nngwe, ka yone kgang e ya go tlhokomela botsogo, batho ba phuthelwa golo gongwe. E re ba le koo, ba tlhalosediwe gore go tlhokomela botsogo tota go raya eng, le gore, go tshwanetse ga dirwa jang. Ba tlhatlhobelwe malwetse ale, ba bo ba kaelwe gore go itshidila go tshwanetse go dirwa jang.

Jaanong re utlwa gore, e ne ya re ka kgwedi ya Ngwanatsele ga tshwarwa letsatsi la botsogo kwa Lobatse.

Ga twe, letsatsi le, le ne le rulagantswe ke ba Lephata La Dipalamo Le Ditlhaeletsanyo, mme le diretswe bakgweetsi le badiri ba dipalamo tsa setshaba.

Go ya ka polelo e re e bonyeng, mogopolo e ne e le gore badiri ba, ba lemotshiwe botlhokwa jwa go dirisa ditlamelo tsa botsogo. Ka lone lebaka le, letsatsi le, la tshwarelwa kwa maemelong a dipalamo tsa setshaba kgang e le go rotloetsa bakgweetsi le badiri ba bangwe go itlhatlhobela one malwetse ale; sukiri, madi a matona, le yone HIV/AIDS.

Go utlwala gore, mogolwane mongwe wa Lephata La Ditlhaeletsanyo, o ne a supa fa dipalamo tsa setshaba di dirisiwa ke batho ba bantsi mme badiri ba tsone ba se na nako ya go ya dikokelong. Koo, ba tlaa bo ba ya go itekola gore ba ntse ba tsoga jang. Mo go botlhokwa ka gore, mmele fa o sa itekanela, ga o monate mme motho a bo a ka se ke a kgone go dira ka natla, a tiile moko.

Fa tiro e le go kgweetsa, mme ka nako tsotlhe mokgweetsi a kgweetsa mmele o le bokoa, go bo go ka nna ga direga di sele.

Jalo he, re dumalane gore, tiro ele , e ne e le botlhokwa thata. Mme ya bo ya nna molemo thata ka e ne ya kgaolela badiri bale mosepele ka go ba latela kwa mafelong a bone a tiro, kwa mapalamelong.

Gone koo, fa motho a ne a sa itlhatlhobe, o ne a ka re lebaka ke eng go bo a sa dire jalo? O ne a ka le tlhoka ka gore, ka tsatsi leo, ngaka e ne e latile molwetse, go se kgang ya gore, molwetse o lata ngaka jaaka go tle go nne go buiwe.

Di ne di ka tlhokwa diipato.

Mme go bonala fa go ne go sa lejwa bokoa jwa mmele fela. Maikutlo a a kwa tlase le one ga fetwa ka one. Ga twe, Rre Madikwe, e le molomaganyi wa ditiro tsa HIV/AIDS kwa Lobatse, a bolela fa motho a tshwanetse go nna le maikutlo a a itekanetseng, bogolo jang fa e le mokgweetsi wa dipalamo tsa setshaba. Re tlaa re, mokgweetsi mongwe le mongwe o tshwanetse go nna a ritibetse maikutlo mme go nne botlhokwa thata fa motho yoo, e le mokgweetsi wa dipalamao tsa setshaba.

Yoo, o a bo a sa kgweetse a rwele motho a le mongwe kgotsa ba le babedi. Jaaka go buiwa, o a bo a rwele setshaba mme fa sengwe se ka direga, selelo e nne se segolo.

Polelo e supa gore, Rre Madikwe a tswelela, a rotloetsa bakgweetsi  ba go atamela kokelo ya Sbrana fa ba utlwa ba kotlometse maikutlo; ke gore, fa ka tsela nngwe,  ba nna ba sa itumela.

Godimo ga moo, ba nne le batho bangwe ba ba ka ba itekodisang, mme ba thusa go ba kokobetsa maikutlo. Motswana o tlaa re, e re ba huduegile maikutlo, ba se hupele, ba se swele nkgapeng; ba atamele mongwe, ba mo itekodise, a ba thuse, mme ba hupologe, maikutlo a phuthologe.

Jaaka gale, re ntse re okometse  Dikgang (Daily News/Ngwanatsele 20, 2018) mme re fitlhela polelo e ya letsatsi la botsogo jwa bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba mo go yone. Fa e bua ka maphata a a neng a tshwere tiro e, Dikgang (Daily News)  ya re;

‘…..Tebelopele…..ba lephata la botsogo…..le le le itebagantseng le go lwantsha ditagi tse disa letlelelweng……’

Re dumela gore, o setse o dupeletse gore, re tlaa re, mo temaneng e re e nopotseng e, go na le lefoko lengwe le le sa dirisiwang sentle. Jaanong re botse gore, lefoko leo, ke lefe, phoso ke eng ka lone?

Lefoko leo, ke ‘disa,’mme jaaka re a tle re nne re bue, phoso ke gore mafoko a a ka bong a kgaoganye, a tshwaragantswe, a dirwa lefoko le le lengwe. Fa re re ‘disa,’re bua ka go tlhokomela jaaka re tle re re, mosimane o ile go disa dikgomo; o ile go tlhola a di tlhokometse gore di se timele, kgotsa di se ye go jela batho mabele.

Mo, ke gone go disa. Fa godimo fale, go buiwa ka gore dilo dingwe ga di letlelelwe go tsena mono. Jaanong polelo e tshwanetse gore e re’…..tse di sa letlelelweng….’ Fa re tshwaraganya mafoko ‘di sa’ re re, ‘disa’ foo, re a dirisitse jaaka lediri. Go bala, o ka bala ga utlwala, mme go kwala gone, ga go a kwalwa sentle.