Blogs

Ka tse dingwe re a reng?

Go ne go twe, Mme Tities, ke mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma mme ene a bula kgwebo ya go dira diaparo.

Ga twe kgwebo e, e dira diaparo ka go farologana, dingwe e le tsa bana, dingwe tsa bagolo. Ya bolelwa e le kgwebo e e tataisang Mme Tities, e kgona go mo nosa metsi.

Ka mosele wa pula o epiwa go sale gale, ga twe, e rile pele ga a bula kgwebo ya gagwe, Mme Tities a ithuta go roka. 

Go ya ka pego ele, ga twe a re o ne a ithuta go betla marokgwe.

Potso ya rona ya tsena gone fa gore, a borokgwe bo a betlwa. Ga re ise re utlwe epe karabo, mme fela, re sa ntse re dumela gore, borokgwe ga bo betlwe, bo a segwa.

Morago ga potso ele, e ne ya re kwa thoko, mongwe a botsa gore, ka gore ka letsela le letlalo re a sega, ka tse dingwe gone re dira eng? Kgang ya rona gompieno ke go araba potso e.

Mohuta mongwe wa mmu ke mmopa. Mme ka mmopa, re dira eng? Malatsi a jale, go rekela bana dilo tse di tshamekang go ise go ate, mmopa o ne o dirisiwa thata ke basimane. 

Ba ne ba bopa dikgomo ka one mme di bidiwe fela jalo, go twe ke dikgomo tsa mmopa.

Bangwe ba ne ba e bopa e le kgomo, e na le mogatla le dinaka mme e se na maoto. Ba ba neng ba itse go bopa thata, bone ba e bope e le kgomo e feletse, e na le mogatla, dinaka le one  maoto tota.  Go nne gontle thata, e nne yone kgomo tota.

Ka dilo tsa Sekgoa di ne tsa tloga tsa nna dintsi, tsa ratega thata go feta tsa Setswana, dikgomo tsa mmopa jaanong di nyeletse, ga di sa tlhole di dirwa.

Ba gompieno basimane ga ba di itse.

Ba jale ba ne ba di bopa ba bo ba di bopele le basimane ba tsone; bangwe go twe ke badisa, bangwe e le bakgweetsi. Go ntse go ntse jalo, bagolo ba ne ba ka dirisa lefoko ‘mmopa,’ go tlhobosa ngwana.

E ne e a re fa mosimane e se ene sentle, e se ke e re a dira tiro a e tlhagafalele, go twe ke mosimane wa mmopa, yo e reng pula e na a bo a nyera, e re letsatsi le tswa, a bo a phanyega.

Go ne go buiwa jaana ka o ntse jalo mmopa. Ka ke mmu, fa o ka tsenwa ke metsi thata o a nyera, mme gape fa o sa bopega; o sa bopiwa sentle, fa o ultwa letsatsi, o a phanyega.

A tlhobosiwe jalo mosimane wa maloba. Ba gompieno bone ga twe ke ba eng, ba ntse jang?

O mongwe mohuta wa mmu ke letsopa. Fela jaaka mmu mongwe le mongwe, letsopa le lone go bopiwa ka lone. Gone mme re bopa eng? Ka letsopa go bopiwa dinkgo, dinkgwana, megopo le dikopi.

Megopo go jelwe mo go yone, dikopi go nowe ka tsone, dinkgwana di tshele bojalwa le metsi, tse dingwe go bo go apewe ka tsone.

O dirisa dilo jalo Motswana. Letsela le letlalo go segwa ka tsone mme motho yo o di dirang, a bidiwe mosegi kana moroki. A bidiwe jalo ka gore, pele o sega letsela, ampo letlalo leo, go lekanyetsa se a batlang go se dira.

Fa a se na go sega ka fa a batlang ka teng, ke gone a roke go dira se e leng sone tota a se batlang.

Fa a batla mosese, a o roke a o feleletse; fa a batla hutshe le gone fela jalo.

Ka logong, jaaka re setse re buile, re a betla.

Go betliwe gape le ka lerapo mme motho yo o betlang a bidiwe mmetli, fa yo o bopang letsopa ene a bidiwa mmopi.

Mo ditirong tse tsotlhe, motho o ka nna setswerere, a itse go dira. Ka kitso eo, a direle ba bangwe bontle, mme ene a palelwe ke go itirela.

Fa o tsena kwa ga gagwe, o se ke o fitlhele bontle bole bo a bo direlang ba bangwe.

E re go nna jaana, Motswana a re, “Mmopi o jela ka lophegwana,’(selo se se thubegileng) a raya gore, motho a itse go dira, ga a ke a itirela bontle, ka thata o a bo a alotse papadi.

O a bo a batla go direla ba bangwe gore a tseye madi kana tuelo ya mohuta mongwe fela mo go bone; a akanye gore, fa a ka itirela bontle, moo go ka mo diya, a tloga a fetwa ke papadi.

O dira jalo Motswana. Ka letsela le letlalo o a sega, ka logong le lerapo o a betla, ka mmopa le letsopa a bope. motshwanes@yahoo.com