Naledi

Baithuti ba ferosa Khama sebete

Tautona Ian Khama
 
Tautona Ian Khama

Baithuti ba tlhoka maitseo ebile ba itirela boratwaepelo ka ba sa tshwarege ntateng ya go sa letlelelweng go ba otlhaya ga barutabana.

Tshenolo e ya maikutlo  aga Tautona Khama e diragetse kwa phuthegong ya kgotla bosheng kwa Kanye, kwa gape batsenaphuthego ba ne ba itshotlha ditsebe go ntsha ditshoka gore ba utlwe Tautona Khama sentle a bua a menne phatla ka baithuti le bana ka kakaretso.

Tautona Khama o boletse gore bana ba gompieno ba setse ba na le mokgwa o o maswe wa go dira sengwe le sengwe se se maswe. A re go lebega ba ithaya ba re mokgwa o wa bone ke tsamaiso ka ba ikgantsha ka yone. Mme a laela gore mongwe le mongwe yo o tswelelang ka o ne a kgalemelwe ka tlhwaafalo.

O boleletse batsenaphuthego gore batsadi ga ba a tshwanela go ikgatholosa bana ba bone ba re ba tlaa kgalemelwa ke barutabana kwa dikoleng fa ba tswa mo tseleng. A re ba tshwanetse go itse fa bana e le ba bone.

Tautona Khama a re bana ba ba maitseo aa makgapha ba tshwanetse go tlhwaafalelwa fela ka moretlwa go ba kgalemelela se.

A re gago ope yo o ka itsang motsadi go kgalemela ngwana wa gagwe fa a sa itshware sentle. A re ngwana a kgalemelwa pele kwa lelwapeng ke batsadi ba gagwe.

Fa batsenaphuthego ba santse ba tshwerwe ke  kgakge gore fa tautona a bua jaana, mme ditshwanelo le tsone di bua ka go sele ene  a reng. O ne a fa sekai ka ene. A re o ne a kgalemelwa thata le go betswa ka moretlwa go utlwala kwa lwapeng fa a sale mosimanyana.

O ne a bolela fa a na le mabadi a dithupa tsa batsadi ba gagwe ba ba neng ba mo kgalemela ka ba ne ba sa batle a gola ka maitseo a a makgapha. A re ke sone se a godileng a na le maitshwaro a a amogelesegang mo setshabeng. O ne a gatelela botlhokwa ja tirisanyo-mmogo magareng ga batsadi le barutabana mo go ageng bana le baithuti kwa dikoleng. A re se se ka somarelela puso dithoto tse e di dirisang mo thutong.

Khama o buile jaana a araba dilelo tsa batsadi le bagokgo ba dikole kwa Kanye, ba ba neng ba re ba setse ba tshaba bana ba bone thata, bogolo jang baithuti ba ba reng ga ba na botho.

Batsadi ba lela thata ka baithuti ba sekole se segolwane sa Seepapitso. Gatwe ga ba na tlotlo mo barutabaneng le batsading ka ba goga motokwane le go itontela majalwa. 

Barutabana ba lela ka gore ga gona se ba ka se dirang ka molao o ba itsa go otlhaya baithuti, mo batsadi bangwe ba ba gogelang kwa dikgotlatshekelong fa ba dirile jalo. Bare se ke sone se gakatsang maitsholo a a makgapha a baithuti.