Naledi

Le ka itshetsa ka katara � Sereetsi

Sereetsi- Tomeletso wa Sereetsi le The Natives a itshwantsha le baithuti le banana ba toropo ya Orapa morago ga ithuthuntsho ya seletso sa katara
 
Sereetsi- Tomeletso wa Sereetsi le The Natives a itshwantsha le baithuti le banana ba toropo ya Orapa morago ga ithuthuntsho ya seletso sa katara

Sereetsi, yo eleng moetelepele wa setlhopha sa Sereetsi and The Natives, ebile a tumile ka dipina tsa ‘Selepe sa moadimano’, o tlhotlhoma le lefatshe leno a rutuntsha Batswana ka go letsa katara ya Setswana, e e mathale mane.

O amogana botsipa le baletsi ba bangwe ba dikatara ka maikaelelo a go tokafatsa bodiragatsi jwa jwa mmino wa mo gae, go lebilwe go itepatepanya le dikgwetlho tsa mebaraka ya mmino mo dipakeng tseno.

Sereetsi yo o tlholegang kwa Matsiloje mme a goletse mo Francistown kwa kgaolwaneng ya Somareset, o ne a tshegetsa ithutuntsho kwa ntlolehalahala ya Letlhakane beke e e fetileng ka Labone, mme baeletsi ba kgobokana ka dipalo tse nametsang e bile dine di sa solofelwa.

O akgotse banni ba koo kgaboeledi a re mo metseng yotlhe e a setseng a e etetse, ke bone ba ba tsileng ka bontsi jo bo gakgamatsang go supa gore ba nyoretswe kitso. A re fela jaaka ene, motho o ka itshetsa ka go letsa katara ga bo ga tshwanela, mme go tlhokana le gore tiro eo o e fetole kgwebo ya sennelaruri.

Ka letsatsi leo, dithuto-puisano di ne tsa tsamaya ka thelelo jaaka Sereetsi o ne a amogana botsipa ja gagwe go letsa katara le bareetsi fa le bone ba ne ba botsa dipotso tse di botlhokwa go itokafatsa.  O ba gakolotse gore ba ganelele thata mo go itlhameleng dipina tsa bone gona le go letsa tsa bo sememmetshane, ka seo se ka ba tsiseta maduo a mantle isago. Tiro eo e ne e tsenwe ke baopedi ba Boteti ba ba itsegeng jaaka, Rastaman Makaso, Motshereganyi Dembo, Mmanoko gammogo le baithuti ba sekole se golwane sa Orapa ba eteletswe ke barutabana ba thuto ya kopelo eleng borre Ziggy Khutsafalo le Seema Pifelo. Batsena ithutuntsho ba itumeletse bokopano joo thata ba re bo tla ba kgontsha go betla ditalente tsa bone.  Ba bile ba kopa Sereetsi go ba etela gape mo bogaufing mme le nako e okediwe go nna malatsi a mararo gore bontsi bo kgone go anya dithuto tse ka boleejana.