Naledi

Bogadi ka ngwao ya Sekwena

Dikgomo
 
Dikgomo

Gantsi batsadi ba lekolwane bone ba sekaseka mo lesikeng la bone. Jaaka go atle gotwe, “ngwana wa ga malome, nnyala, dikgomo di boele sakeng”.

Maikaelelo a se ke gore ba tshole ngwana kgotsa bana, gore nyalo etle e lotane.

Fa go kgonagetse go tshola ngwana kgotsa bana, boora mosimane jaanong ba dumela tota gore ba bonye segametsi.

Ke gone go tlaa rwalwang ditlhako ke banna pele. Ka gore mosadi ke wa setlhako sa banna le basadi ka go latelana ga bone.

Ka letsatsi le le beilweng morago ga merero yotlhe e e beilweng go ya ka fa thulaganyo ya masika tlhakori tsoopedi, go rulaganyetswa letsatsi la patlo.

Kwa kgotleng yoora mosetsana batsadi boora mosimane ba eteletswe pele ke malomaagwe ba tla ba le sekutlola, ba fitlhela tetelo ee masisi, thitibalo ruri.

Ke gone e tlaa reng ba sena go khutsa ka lengole ba tletse boikobo le tlotlo, malome a kope metsi, mme a a neelwe ka pula ke boora mosetsana.

Ka bokhutshwane ba tewe gotwe, ‘le re gadime’, go tewa gore le fa ba nyala ka setlhako, ba gopole bana ba baba tshotseng kwa bogwagwadi.

Ke gone ba tlaa retologang bare ‘mogwagwadiaka, e ntshwarele kgole ya setlhako same e kgaogile.

Mma ke boele fa morago ke e hunele,” Ka go rialo ba latele kgomo fa ba e kganeletseng teng gaufi le kgotla kana dikgomo go ya ka palo ya bana.

 Ke gone fa ngwana a le mongwe fela ke kgomo fa bale babedi di pedi, di tsholetsege ka palo ya bana.

Ka temana khutshwane ba boele mo kgotleng gore ba fete ba ntshe ka fa palong ya bana.

Ka go rialo, ba gadimile bagwagwadi ka go ntsha bogadi.

E bile ba rekolotse bana mo sefaneng soora mosetsana go tla mo go soora mosimane.

Bogadi ga bo ntshediwe monyadiwa, mosadi ke wa “setlhako”, makgowa ebong baeng mo Botswana ke bone ba ba nang le “Bride price”.

Thulaganyo e e gorogile ka di-missionary tsa dikereke segolo ya Lontone kana London Missionary Society (LMS).

Mono Botswana rena le merafe e tshwanang le Bangwato ba bone go senang bogadi jo bo tswelang monyadiwa.

Ke bua jaana e rile nna le Bakwena re nyadisa Kgosi Bonewamang Sechele II, a nyala morwadia Sekgoma, Mme MmaKgari, Bangwato ba re busa ka dikgomo ka gore go dule mo ngwaong ya bone. 

Kwa bokhutlong mo puisanong e yame le Motswana, fa mosetsana yoo beeleditsweng a sa tshole, o a tlogelwa.

Batsadi ba mosimane ba ntshe kgomo e gotweng ke ya “itshwaeleng” mme jaanong mosetsana yo o bidiwa “Lefetwa”. Se ke Setswana eseng thulaganyo ya “Bride price” ya sekgoa.