Naledi

A re se kgobegeng marapo

Se se a nametsa le fa phokotsego e ya kwa tlase le kwa godimo kgapetsakgapetsa. 

Go supagala gore mananeo aa teng a ntsha maduo aa eletsegang le mororo go ntse gona le batho ba ba santseng ba tsenwa ke mogare wa HIV ele lantlha.

Ere ntswa batho ba ba tsenwang ke mogare ele lantlha ba ka kgoba marapo, re rotloetsa setshaba go leba ka fa ntlheng ya katlego ya mananeo aa mo tirisong. 

Re bona gole botoka go akanya ka go a tokafatsa le go tla ka a mangwe aa ka thusang gore phokotsego ya dipalo tsa kanamo ya mogare wa HIV e nne e tswelele pele.

E gase nako ya go kgobega marapo le go itlhoboga.

Ke ya go gatela pele ka go tla ka methale e mengwe ya phetolo maitshwaro ee tla a tsamaelanang le dipaka tsa jeno tsa bo facebook, twitter le e mengwe e e ratwang bobe ke banana.

Methale e e supagetse fa e ka thusa banana go buisanya mo go tseletseng ka dintlha tsa botlhokwa mo go iphemeleng mo go tsenweng ke mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. 

A e re re tsena mo segopotsong sa bao ba ba tlhokafetseng ntateng ya bolwetse ja AIDS kgwedi ya Morule e rogwa ka Labone wa beke eno, re gopoleng kwa re tswang teng.

Re gopoleng tse dintle tse re di dirileng go thibela mogare wa HIV le go alafa bolwetse ja AIDS.

A re ikgateng motlhala mme gape re lebeleng pele ka go simolodisa methale e mesha ya thibelo mogare e e tsamaelanang le matshelo a segompieno a banana ba eleng bone pinagare ya  maiteko otlhe a thibelo mogare.