Blogs

A re nne re ele tlhaka eo tlhoko

Go bonala tiro e, e ne e le ya malatsi a mararo..  Go bolelwa fa e, e ne e tshwaretswe baithuti ba kgaolo ya Kgalagadi mme e diretswe kwa Tsabong. Godimo ga baithuti, ga twe, e ne ya tsenwa gape ke magolegwa a kgolegelo ya Tsabong. Mme maikaelelo a tiro ya bo e le eng?

Go bonala fa maikaelelo a tiro e, e ne e le go ya go bona gore baithuti ba tsweletse jang le gore ba abelane se ba se ithutileng mo Gaegolelwe. Ga go re e re fa o bapetse sengwe, mme o ka thusa ba bangwe ka sone, o se  ipeele fela o le nosi koo. Gakologelwa gore, matlo go sha mabapi, re sa reye o etsa Mokotedi. Nnyaa, re raya gore, nathela ba bangwe e tle e re gongwe le bone ba totobele pele.  Polelo e re e bonyeng e supa gore Gaegolelwe ga e rute go bala le go kwala fela mme e ruta dilo tse dintsi.

Ga twe go rutwa ditiro tsa diatla tsa go apaya, go betla, go bopa, le go sega. Le temo thuo  ba a e rutwa, yone e rutwa kwa Lobu. Fa, mogopolo go bonala e le gore, a baithuti ba se lebe go bala le go kwala fela. A ba dire le ditiro tsa diatla, e re fa ba fetsa sekole, go nne le sengwe se ba ka lekang botshelo ka sone, ka tse tsa go bala le go kwala ditiro, di thata go bonwa.

Ka ke tseo dithuto di dintsi, re utlwa fa ka one malatsi ao, a go ipelela thuto ga e golelwe, go tshwarwa dikgaisanyo ka go farologana. Go bolelwa fa go tle go nne le dikgaisanyo tsa go opela (moopelo), disupiwa tsa ditiro tsa diatla, go bo go nne le mmabontle. Mo godimo ga tse, go kwalwe dithatlhobo go ya ka mephato ya bathuti go tswa mo metseng e e farolganyeng ya kgaolo ya bone. Re dumela gore, ka go dira jaana, mogopolo e a bo e le go batla go bona gore, di ntse di e goga jang. A tsotlhe di goga sentle, tema e a bonala, kgotsa, dingwe di goga di phetsotse dijokwe. Go lejwe go bonwe gore ba ba diatla dintle ke bafe, le gore, di fa kae.

Bangwe ba tlaa itse go betla, bangwe go sega, ba bangwe go bopa, ba bangwe ba itse go opela le go bina. Ka ke dikgaisanyo, bangwe ba fenye. E re fa go na le maidi, a itlhaole; bangwe ba itswele fela . Go se ke go felele foo. Polelo ya re, ba ba fentseng ba fetele pele kwa dikgaisanyong tsa makgaolakgang. Tse tsone go bolelwa di phutha lefatshe lotlhe mme di tshwarelwe kwa Gaborone ka kgwedi ya Lwetse.

Polelo e ya malatsi a go ipelela thuto ga e golelwe kwa Kgalagadi, re e tlelwa ke  Dikgang (Daily News/ Phukwi 31 2018).  Fa e bega ka fa Rre Morwe, wa Lephata La Thuto, a neng a bua ka fa dithuto tsa baithuti ba Gaegolelwe di ka ba thusang ka teng, ya re;

‘….are seo se ka ba thusa go tswa mo lehumeng le go itlhamela ditiro tse di ka thusang go fokotsa letlhoko la ditiro ka go tlhapa ba bangwe.’

Re dumela gore o ntse o lebetse pele mme wa lemoga gore, re tlaa re, mo temaneng e re e nopotseng ele, go na le lefoko lengwe le le sa dirisiwang sentle. Go ntse jalo. Potso ke gore, lefoko leo ke lefe, molato ke eng ka lone?  Lefoko leo ke ‘tlhapa’ mme phoso ke gore, le tsentse ‘l’ go sa tshwanela go nna jalo.

Tlhaka e, re bua ka yone gangwe le gape gore, a re ele tlhoko gore e dirisiwa fa kae, ga e dirisiwe fa kae. Mme ke eo e ntse e tsena fa e seng gone. Gompieno ke eng re re e tsenye fa e seng gone? Fa godimo fale, go buiwa ka gore, fa baithuti ba Gaegolelwe ba ka itlhamela ditiro, ba ka thusa batho ba bangwe go bona mebereko/ditiro.

Re itse fa mono gae go tlhokwa ditiro mme kgang gantsi e le gore, a batho ba itlhamele ditiro ba tle ba kgone go thusa ba bangwe. Ba ba thuse jang? Mongwe o tlaa re ka go ba hira; le, e le lefoko le re le tlwaetseng. Yo mongwe a re ka go ba thapa mme le, e le lone lefoko le le ka bong le dirisitswe mo temaneng ele.            Boemong jwa lone, ga dirisiwa le sele, e leng ‘tlhapa.’ ‘Tlhapa’ ene a raya eng? Go ya ka gore o le bitsa jang, lefoko le, le ka raya go tlhapa jaaka re tlhapa dithoko fa re tsoga, re tlhapa diatla pele ga re tshwara dijo, le go tlhapa mo gongwe fela jalo.

Lefoko le gape le ka raya go bua mafoko a e seng one; mafoko a a maswe, a a botlha. Le ka raya go roga. Dikgethe o ka raya Purere lefoko lengwe le le maswe mme go twe, o a mo tlhapa, o a mo tlhapatsa, kana o a mo roga. Fa, re bona gore ‘tlhapa’ tota o ne a sa tshwanela go dirisiwa mo temaneng ele, ka ruri, o raya se sele, e seng go hira, kgotsa, go kopa motho go go thusa tiro nngwe, mme o tlaa mo lefa ka sengwe. Re wele re re, ‘l’ yoo o dingalo, a re nne re mo ele tlhoko gore, o tsena fa kae, ga a tsene fa kae.