Blogs

A bo a betlwa?

Bangwe ba rekelwa dihutshane (dinku, dipodi) bangwe dikoko, ba bangwe ba thusiwe go bula kgwebo e bone ba bonang ba ka e kgona.

Pego nngwe e bolela fa mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo le, e le Mme Tities, wa motse wa Werda, kwa Kgalagadi. Ga twe Mme Tities ene o thusitswe go dira kgwebo ya go roka. Go bolelwa fa mo tirong e, mme yo a dira diaparo ka go farologana. Ga twe dingwe tsa diaparo tse ke dipurapura tsa bana ba dikole tse di kwa tlase, dingwe paka (uniform) ya bana ba dikole, fa tse dingwe e le diaparo tsa bagolo. Godimo ga moo, ga twe o bitiya le tse di onetseng.

E, e lebega e le tiro e ntle, e ka thusa setshaba, e bile motho a ka itshetsa ka yone. Potso e nne gore, a mme mohuhutso wa phatla one Mme Tities o a o bona? Ka fa go begwag ka teng, Mme Tities mohuhutso wa phatla o a o bona, o kgona go nwa metsi. Le fa go ntse jalo, ga go tsela e se ke e tlhoka mosetlho. Jalo he, fale le fale, Mme Tities o ntse o a tlhajwa.

Go bolelwa fa sengwe se se sa itumediseng Mme Tities mo kgwebong ya gagwe e le dilo tse di sa duelweng. Boammaaruri ke gore, motho mongwe le mongwe fa a bula kgwebo, o solofela go roba sengwe mo go yone. Fela jalo, Mme Tities a bula kgwebo a solofetse go bona dipoelo tse di nametsang. Godimo ga moo, ga twe ka kgwebo e sale ntsha, o tseisa batho mogwang, kana sekoloto ka puo ya gompieno, se e le tsela ya go leka go e tlhatlosa.  Go bonala mogopolo e ne e le gore, a se ka a leba ba ba tlang ka madi fela, mme a thuse le ba ba tlang ba itela, ba se na madi.

A nna le mogopolo o montle, mme go bonala fa bangwe ba a ba thusang bone ba se na mowa oo. Ga twe bareki bangwe ga ba duele dikoloto tseo sentle mme se, se digela kgwebo kwa tlase. Kwa ntle ga gore dikoloto ga di duelwe, ga twe Mme TIties a re, bareki ba gagwe ba tsaya gore ditlhwatlhwa tsa gagwe di kwa godimo, le fa gone di beilwe go lebilwe tse dingwe mo motseng. Mo go bo go ntse go raya gore, kgwebo ga e tsamaye sentle, ka gore, fa bareki ba re ditlhwatlhwa di kwa godimo, ba tlaa siya, ba ye go batla tse di kwa tlase golo gongwe. Mme kgwebo e bo e ka tswelela sentle jang?

Go utlwala fa selelo se sengwe sa ga Mme TIties e le gore, bangwe ba tlisa dilwana kwa go ene go tla go dirwa, mme e re di fela, ba se ke ba tle go di tsaya; di nne foo, di tlale ka ntlo. Mme Tities a dire, mme kwa morago, a se ke a bone sepe sa go lefa matsapa a a tsereng go dira dilwana tseo. Go tshwane fela le bale ba ba tsayang mogwang mme ba se ke ba duele. Ka mabaka a, kgwebo e reketle. E bolelwa e tsamaya jalo kgwebo ya ga Mme Tities.

Mme tiro ya go roka yone, a e ithutile kae? Ka dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe, ga twe Mme Tities a re, o ithutile go roka mo mogwebing yo mongwe kwa Tsabong. A tswelela a re, morago o ne a ya go itlatsa kwa Madirelo Training Centre kwa Gaborone. Ka ke tiro e a e ithutileng, ga twe fa a ipolela a re, ke mmantswitswidi; ke gore, o e dira ka manontlhotlho. Mongwe o tlaa a re, ga a e fopholetse.

Dikgang/Daily News (Ngwanatsele 16 2016) fa e ntse e tla e bega ka tiro ya ga Mme Tities ya re;

‘O tsweletse ka go bolela fa go betla marokgwe e le botsipa jo a bo ithutileng …..’ Mo temaneng e re e nopotseng e, go na le lefoko ‘go betla.’ Lefoko le, le dirisitswe gabedi mo pegong e re buang ka yone. Ga twe ‘go betla marokgwe.’

Gompieno potso ya rona ke gore, a borokgwe bo a betlwa/betliwa? Fa go twe motho o ithutile go betla marokgwe, a go buiwa sentle; a go buiwa jalo? Gongwe bangwe ba bua jalo mme fela, se Mmualebe a se itseng ke gore, borokgwe, fela  jaaka dilwana tse dingwe tse di dirwang ka letsela, bo a segwa; nako nngwe go ka twe bo a rokwa. Kwa ntle ga letsela, re sega gape ka letlalo, go segwe diphate, dikobo, ditlhako le tse dingwe fela jalo.

Gongwe o ka botsa gore, go betla gone, re betla eng? Karabo ke gore, re betla ditilo, megopo, metshe, dijokwe le tse dingwe fela jalo, re betla ka logong, e seng letsela. Re fetse re ntse re re, a borokgwe bo a betliwa? motshwanes@yahoo.com