Blogs

A re nne re ele tlhaka eo tlhoko (2)

Jaanong fa re kwala e le leina, mafoko a otlhe, ga e golelwe, a tshwanetse go tshwaragana, a bo a simolola ka tlhaka e tona a re, Gaegolelwe. Re itse gore bontsi jwa maina a Setswana a a bua, ke diele..

Sekai ke gore ngwana o ka bidiwa Galotlhaole. Fa leina le le tlhalosiwa, fela jaaka go tle go nne go buiwe, go twe, loso ga lo tlhaole ope; mohumi, mohumanegi, mogolo, ngwana, lo a tsaya. Fa re kwala, re kwale mafoko a a kgaoganye ka ke seele.

Mme fa re kwala leina leo, re a tshwaraganye re re, Galotlhaole. Jaanong, a go nne fela jalo le ka Gaegolelwe, e le leina la lekalana la thuto ga e golelwe. A e se re re kwala leina le, ra le tsenya dithobanyane (hyphens) fa gare, ra re Ga-e-golelwe. Leina ga le kwalwe jalo. Sehatakupa, e le  leina, ga le tsene dithobanyane fa gare. A go nne jalo le ka maina otlhe. Gape, a e se re re ka bo re kwala seele e le ‘Ke a leboga,’ ra bo re kwala e le leina re re, ‘ ‘Kealeboga.’  E ntse ke phoso e tona.

Fa re boela polelo ele ya go ipelela letsatsi la thuto ga e golelwe, re ne ra utlwa fa tiro eo, e ne e tshwaretswe kwa Tsabong mme ya tsenwa ke baithuti ba kgaolo ya Kgalagadi, le magolegwa a kgolegelo ya Tsabong. Go ya ka polelo, ya nna tiro ya malatsi a mararo, e seng, letsatsi le le lengwe. Re ne ra utlwa gape fa maikaelelo a tsatsi leo, e ne e  le go ya go bona gore baithuti ba tsweletse jang, le gore, ba abalane se ba se bapetseng mo Gaegolelwe.

Re ne ra bona fa e ne ya nna tiro e tona ka e ne ya se ka ya leba dithuto tsa go bala le go kwala fela. Re utlwile gore, godimo ga go bala le go kwala, Gaegolelwe e ruta ditiro tsa diatla tsa go apaya, go betla, go bopa, go sega, le yone temo thuo e ntse e le mo teng. Re ne ra utlwa gape gore, monate wa tsatsi leo wa natefisediwa pele ka dikgaisanyo tse di farologanyeng, gare ga tsone go le mmabontle. E ka nna ofe monate o o ka fetang o? Re ne re se yo, mme re dumela gore letsatsi leo, la nna monate tota, ga bonala fa tiro ya Gaegolelwe e na le tema.

Re boletse maloba gore, polelo e ya moletlo wa Gaegolelwe kwa  Kgalagadi, re e tletswe ke Dikgang(Daily News/Phukwi 31 2018).

Gone maloba, re ne ra inola mafoko a temana nngwe ya polelo e, mme ya re boemong jwa gore re re, mafoko ao, a ne a buiwa ke Rre Mangwa, wa Lephata la Thuto, leitlho la timela ra re, go ne go bua Rre Morwe. Eo, ke phoso re a e amogela, re e kopela maitshwarelo. Mme one mafoko a a neng a nopotswe ale, a ne a reng? Go ne go twe, e rile Rre Mangwa a bua ka fa dithuto tsa Gaegolelwe di ka thusang baithuti ka teng a re;

‘…..seo se ka ba thusa go tswa mo lehumeng le go itlhamela ditiro tse di ka thusang go fokotsa letlhoko la ditiro ka go tlhapa ba bangwe.’

Mo temaneng e, re ne ra inola lefoko ‘tlhapa’ mme ra supa fa le sa dirisiwa sentle.  Re ne ra re, lefoko le le ka bong le dirisitswe fa, ke ‘thapa’ le le rayang go hira jaaka re tlwaetse go bua. Ra re, ‘tlhapa’ ga a dirisiwa sentle ka gore ene o raya go ntsha leswe ka metsi jaaka re tlhapa matlho fa re tsoga, re tlhapa diatla fa re e ja, re tlhapa mmele, le go tlhapa mo gongwe fela jalo. Ra tlhalosa gore, phoso e e diregileng mo temaneng ele, jaaka re tle re nne re supe, ke gore go dirisitswe ‘l’ fa a neng a sa tshwanela go dirisiwa teng.

Morago ga kgang rona ya maloba, kana, ngogola, re ne ra boa ra bala polelo ele ya tsatsi la Gaegolelwe kwa Kgalagadi mme ra nna ra bona phoso eo. Fa e tsweletse e bega ka fa Rre Mangwa a neng a bua le baithuti ka teng, Dikgang (Daily News/Phukwi 31 2018) ya re;

‘O ne a kgotlhatsa baithuti..... go ithuta ba tsentse marapo dinameng…..’

Tlhoma temana e matlho re utlwe gore o bona eng se se sa dirwang sentle mo go yone. Rona re bonye  lefoko ‘kgotlhatsa’ mme re ntse ra re phoso ka lone, fela jaaka go diragetse ka ‘tlhapa,’  yo tota e ka bong e ne ya nna ‘thapa,’ go tsentswe ‘l’ go ne go sa tshwanela go nna jalo. Mme re re se, ke phoso e tona thata ka gore Setswana ga se na lefoko ‘kgotlhatsa.’ Setswana sa tlhomamo, kana sa nnete, sa re, kgothatsa, e seng kgotlhatsa. E re go buiwa, go kwalwa, go twe, motho o a kgothatsa, o kgothatsa yo mongwe.  Go twe, motho o a kgothadiwa, e seng o a kgotlhatsa, o a kgotlhadiwa. 

Go digela kgang e, re ntse ra re, a e re re bala Setswana, le re reeditse se buiwa, re nne re ele tlhoko gore ‘l’ yoo, o tsena fa kae, ga a tsene fa kae. E, ke yone tsela fela ya go ithuta go dirisa tlhaka eo.