Blogs

A mafoko ao, a kgaogane

E le sekai, e re bangwe ba batla Sehatakupa, ba bangwe bone ba batle Lehatlhakgoha. Go ntse jaana, kgang e nne thata ka ga di gogele gongwe.

Gompieno re utlwa fa kgang ya go nna jaana e ne ya tsoga kwa Mmashoro, mo kgaolong ya Legare, morago ga gore Kgosi Mompati Wabobedi a tlogele tiro ka bogodi. Go ya ka polelo e re e bonyeng, fa Kgosi Mompati a se na go suta, setilo sa newa Rre Opelo Disang, yo ene a neng a ntse a le letsogo la kgosi; ke gore, e le mothusa kgosi.

Ka di nwa di dibosanya, ke gore, tiro e dirwa ka go amoganwa kana go fapaanelwa, fa Rre Disang a tlhatloga go nna kgosi, maemo a mothusa kgosi a sala a se na ope. Phatlha ya bulega mme ga tshwanela gore e thijwe. Go ya ka polelo ele, mosepele wa se ka wa nna moleele; ke gore, tiro ya se ka ya tsaya lobaka go dirwa. Gone foo, puso ya tlhoma Rre Kemmonye Modisagape go nna mothusa kgosi, e setse tsamaiso ya molao wa bogosi morago.

Mongwe o ka re, go ne go tlhamaletse, go siame, go dira jalo. A ga ba rile sedibeng go iwa ka tsela? Fa go ne go sa salwe molao wa bogosi morago, tsela go ne go ka tsewa efe, e sele? Gongwe eo, e ne e ka tloga ya latlha morafe le yone puso tota.

 Le fa go ntse jalo, re utlwa gore, batho bangwe ba se ka ba dumalana le gore Rre Modisagape a bo a dirilwe mothusa kgosi. Kgang ya tsoga mme ya se ka ya akofa ya rarabologa; ya tsaya lobaka go buiwa. Selo se, sa se ka sa itumedisa Kgosi Dikgakgamatso Kebailele.

Re utlwa fa Kgosi Kebailele e le Moemela kgosi kwa Gammangwato mme pego e supa fa e le ene a tshwereng kgang ya bogosi jwa Mmashoro. Ga twe kgosi o ne a re, seemo se, sa go bo morafe o sa dumalane ka go tlhoma mothusa kgosi, se tlaa diya ditlhabololo.

Gape, kgosi o tshwanetse go nna le mothusi go mo gakolola. A, ya nna one mafoko fela jaaka Motswana a rile,  ‘Kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa.’ 

Ga twe, lo sa e tshwaraganele, golo gongwe, kgetsi eo, e tlaa bulega mme tsie e tswe, e fofe, e siye. Mme go nne jang? E re o ne o solofetse gore o tlaa lala o laletse, ke gore o jele sengwe ka o ne o bapetse tsie, o lale ka tlala, tsie e siile ka o ne o leka go rwala kgetsi o le nosi. Mme fela, re ka re, a go se nne jalo ka ditiro tsa morafe.

Ga twe Kgosi Kebailele a gakolola gape gore, morafe wa Mmashoro, ke bana ba motho mme ba tshwanetse gore ba nne fatshe, ba buisanye, kgang e, e fele sentle.

Re utlwa gore kwa Mmashoro, go na le mongwe yo a neng a ka thusa kgosi go rwala kgetsi eo ya tsie, fela morafe ga o dumalane ka ene.

Ga twe, fa kgang e ntse e tsweletse, Rre Tshenolo Bogosi, e le wa Mmashoro, a bolela fa ba sa amogele go tlhongwa ga ga Rre Modisagape e le mothusa kgosi, ka e le morafe, ba na le thulaganyo ya bone ya gore Rre Bontshwanetse Kgosiesele e nne ene mothusa kgosi.

Go utlwala gore, e rile go bona seemo se ntse jaana, Kgosi Kebailele  a gakolola morafe gore o nne fatshe, o buisanye, o bone gore o rarabolola kgang e jang. A tswelela a re, go sa nne jalo, go ka salela puso go bona gore kgato e tsaya efe.

Mme e re gongwe puso e bonye mongwe ya mmaya foo, bangwe ba se ke ba itumele, ba bone fa puso e ba beile motho godimo bone ba sa mmatle. Go nne go se ke go nne monate.

Polelo e ya bogosi jwa Mmashoro re e begelwa ke Dikgang (Daily News) Phatwe 05, 2018. Fa e bega ka fa kgang e neng e ntse e tsamaya ka teng, Dikgang/Daily News ya re;

‘Kgosi…..o tlhalositse fa kgang ya Mmashoro e sa bolo go reriwa mme go sena tharabololo ee lolameng…’

Ke eo kgang, mme jaaka gale re botsa gore o bona phoso efe mo temaneng e re e nopotsweng e? Ga re itse gore o bonye eng. Rona re bonye lefoko ‘ee.’ Ga twe kgang ga e na tharabololo ‘ee’ lolameng.

Lefoko le, le dirisitswe gabedi mo polelong ele.  Phoso ke eng fa? Phoso ke ya gale, ya gore, go tshwaragantswe mafoko a a ka bong a kgaoganye mme mafoko ao, a felele e le lefoko le sele. Lefoko le re le bonang gompieno ke ‘ee.’  Thanodi e tlhalosa lefoko le e re, ke lelatlhelwa le le supang tumelo jaaka fa re araba potso.  Go ntse jalo. Lefoko le, re le dirisa fa re dumalana le sengwe kana re araba potso. Sekai ke gore, Dimenye o ka botsa Kgabutlwe gore, ‘A pula e nele kwa ga lona?’ Fa pula e nele, Kgabutlwe a re, ‘Ee, e nele,’ mme go bo go siame. Fa godimo fale, go kwala sentle ke gore re re’….. e e lolameng…..’ mafoko ao, e bong ‘ee,’ a kgaogane. Jalo, go tlaa bo go lolame, go siame.