Blogs

A go a nyalana?

Ga go bolelwe gore moletlo o ne o tshwerwe leng, fa e se fela gore, ke tiro e kompone ya Majwe Mining, e ntseng e e rotloetsa mo dingwageng tse nne tse di fetileng. Go tlaa raya gore, lenaneo le, le simologile ka ngwaga wa 2013.

Ka gale, fa bana ba tshwere tiro, ba a tle ba eletse gore mogolo mongwe a tle tirong eo, go tla go ba tiisa moko, kgotsa go ba latlhelela lefoko lengwe, le ba ka le tsayang mhago.

Go utlwala gore go ne ga nna jalo le ka moletlo ole wa Jwaneng. Ga twe kwa tirong eo, go ne go le Ratoropo wa Jwaneng Rre Oodira-Kwenje. Motswana a re ntsa/ntswa go fiwa teleki, (e e lelekang) a raya gore, motho kana ngwana, go fiwa yo o tlhaga, yo e reng a rongwa, a dire a tlhagafetse.

 Ngwana yo, ke ene yo e tlaa reng go jewa a gopolwe pele. Mme e seng  e le dijo fela, le mo go tse dingwe, tse dintle, go nne go gopolwe ene pele ga ba bangwe. Jalo he, a se ka a ya gope kgakala Ratoropo. A lebogela Majwe Mining tiro e ntle e e ntseng e e dira ya go thusa puso go tlhatlosa maduo a dikole tsa Jwaneng.

Ga twe o ne a re, fa e sale Majwe Mining e itshwaraganya le puso go abela baithuti dimpho, maduo a dikole tseo a tokafetse thata.

A ntsha dipalo tse di supang gore, go tswa 2013 go tla go tla go fitlha ngwaga ono, maduo a dikole tseo a ntse a gola jang. Ya nna dipalo tse tota di nametsang. Ga twe le se se neng se ntse se le kwa tlase ga tsone tsotlhe, sa Kgalagadi, ga bonala fa le sone maduo a sone a tokafetse.

Go bolelwa fa a ne a fetela pele Ratoropo, a kopa dikgwebo tse di ikemetseng ka nosi gore, le tsone di eme ka dinao, di thuse go godisa thuto ya bana. Ya nna mafoko a mantle. 

Ga ba a re noka e tlala ka melatswana? Fa melatswana eo e se yo, noka e ka tshelwa eng?

Re utlwa gape fa kwa moletlong ole, go ne go le mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng – Mabutsane, Rre Shawn Nthaile. Go bolelwa fa a ne a gata mo motlhaleng wa ga Ratoropo, le ene a lebogela Majwe  Mining tiro e ntle e go begwang fa e ntse e e dira.

Kwa ntle ga ga Ratoropo le mopalamente, go begwa fa gape kwa moletlong ole, go ne go le mogolwane wa Majwe Mining Joint Venture, Rre Rod Fraser. Fela jaaka ba bangwe, le ene a nna le le a le latlhelang.

Ga twe ene a bolela fa lenaneo la bone le dikole tsa Jwaneng le wela ngwaga ono kgwedi  ya Mosetlha e fela. A re, go botlhokwa go itumelela tiro e bone le dikole tsa Jwaneng ba e dirileng ka jaana maduo a tokafetse.

Pego  ya re, a tswelela a re, le fa gone moletlo e ne e le wa bofelo, o tshwanetse go itumelelwa, e seng go hutsafalelwa, ka tiro ba e dirile le motlhala wa bone o a bonala.

Fa e ntse e tsweletse e bega ka fa Rre Rod Fraser a neng a bua ka teng kwa moletlong ole, Dikgang/Daily News (Phalane 18 2016) ya re;

‘…..o ne a tlhalosa fa lenaneo la bone la go dirisanya le dikole tsa Jwaneng le Maokane e le nngwe ya tse ba ipelang ka yone jaaka konteraka ya bone le moepo wa Jwaneng e fela kgwedi e e tlang e ya fifing.’

Jaaka fa re setse re utlwile, temana e re e inotseng e, e bua ka lenaneo le ka lone, Majwe Mining e ntseng e thusanya le dikole tsa Jwaneng le Maokane go tlhabolola maduo a dikole tsa kgaolo eo.

Temana e simolola e bua ka lenaneo mme fa e ntse e tsweletse, ya re ‘….. e le nngwe ya tse ba ipelang ka yone…..’

Gone fa, re ka botsa potso gore, fa go twe ‘nngwe’ go bo go twe ‘yone,’ go buiwa eng? A go ntse go buiwa ka lenaneo lele, kana ka sengwe se sele? Fa karabo e ka re, go buiwa ka lenaneo lele, a e tlaa bo e e siame? A re bua jalo re re, ‘lenaneo ke nngwe …..yone…..?’ A go a nyalana kana go a dumalana? Mmualebe ene a re, ga go nyalane; ga go dumalane.

A re, tsela nngwe ya go bua/kwala sentle ke gore, re re, ‘lenaneo …..ke lengwe la mananeo a re ka ipelang ka one’ e seng gore, re re, ‘…..nngwe…..yone’ mme gone re bua ka lenaneo.

motshwanes@yahoo.com