Blogs

Ga se 'ene,' ke 'e ne...'

Fa bangwe ba fiwa kgotsa ba rekelwa loruo, bogolo jang dipodi, bangwe ba thusiwa ka madi go itlhamela dikgwebo. E re go bulwa dikgwebo, batho bangwe ba se ke ba batle go ya kwa bontsi bo ileng teng. Ba, ba rate go dira sengwe se se pharologanyo le sa bale.

Gompieno re utlwa fa Mme Annah  Monare, monana wa ngwaga tse di masome mararo le borataro, mme a tlholega  kwa Radisele, e le mongwe wa ba ba thusitsweng ka nyeletso lehuma. Mme ene a dira eng?  Re utlwa gore, ya re go bona thuso eo, Mme Monare a bula kgwebo ya dijo. Go ya ka polelo e re e bonyeng, kgwebo ya ga Mmed Monare, e farologanye thata le dikgwebo tse dingwe tse re tle re nne re di bone. Re itse gore, gantsi fa go twe motho o butse kgwebo ya dijo, o a bo a apaya dijo tsa gale le gale, tse bontsi re di jang mo malwapeng a rona. A rekisetse gone foo, kana, a ye go rekisetsa golo gongwe go sele. Bangwe re ba bone fa tlase ga tsela, bangwe gaufi  le madirelo mangwe. Ga go bolelwe gore Mme Monare ene o rekisetsa kae mme fela, go bonala fa kgwebo ya gagwe e farologanye thata le tse dintsi.  Ga twe mogwebi yo, o dirisa dijo go dira sengwe fela se se ka jewang. Godimo ga moo, re utlwa fa a dirisa dilo dingwe, jaaka jeme ya lerotse, namune, le popo (pawpaw) go natefisa dijo. E re go buiwa jaana, o utlwe o metsa mathe, e kete di ka bo di le gaufi le wena, wa lekeletsa, wa utlwa monate oo.

Mme kgwebo e yone, e simologile jang? Go ya ka polelo, Mme Monare o gogetswe mo kgwebong e, ke tshotlego. Re dumela gore, se se raya gore, monana yo, o ne a se na sepe sa go itshetsa mme botshelo jwa nna thata. Go bona go ntse jalo, a atamela nyeletso lehuma mme a thusega. Ga twe, mogwebi yo a re, o ne a isiwa sekoleng a ya go ithutela kapei kwa NAFTEC kwa Kanye ka ngwaga wa 2011. Go a bonala le koo, a atlega, a tla a bapetse sengwe, mme ke gone a simolola kgwebo e. O ne a tlaa bo a emetse eng? Fa dilo tsotlhe di siame, ga re o gotsetse potwane molelo, o e beye mo isong. A dira jalo Annah Monare. Kgwebo ya tswelela, batho ba e rata, a bona bareki. Go ya ka polelo, batho ba rata thata jeme ya lerotse le atchar mme se, sa mo tiisa moko, a eletsa go lekela pele. O tlaa bo a kgojwa marapo ke eng fa kgwebo yone e setse e supa gore fa a ka tiya moko, a tsenya marapo dinameng, o ka tsoga a le golo gongwe, a gatetse pele.

Fela jaaka gale, re ne ra nna ra okomela  Dikgang/Daily News mme ra sela polelo e ya kgwebo ya ga Annah Monare mo go yone. Fa e bua ka fa mogwebi yo a reng kgwebo ya gagwe e tsweletse ka teng, Dikgang (Daily News/Sedimonthole 2018)    ya re;

‘A re….kgwebo ya me ene ya amogelesega thata…..’

Ke eo kgang. Temana e re nopotseng mafoko a mo go yone, e tswelela e re Mme Monare a re Batswana ba supile fa ba rata dijo tsa gagwe thata ka e bile di farologana le tse dingwe ka tatso. Fa, re tlaa tsaya gore, mogwebi yo, o raya gore dijo tsa gagwe di monate thata go gaisa tsa ba bangwe mme se, se dire gore batho ba tshologele kgwebo ya gagwe.

Jaanong a re boele mafoko a re a nopotseng ale, mme re utlwe gore wena o bonye phoso efe mo go one. Ka o koo, rona re ka kwano, ga re itse gore o tlaa re o bonye eng mme rona re bonye lefoko ‘ene.’ O botse gore, molato ke eng ka lefoko le. Karabo ke gore, go dirisitswe leemedi (pronoun) fa le neng le sa tshwanela go dirisiwa teng. Go tlhalosa karabo e, a re re, go na le banna ba le babedi mme ba tlhakanetse leina la Balatedi; e le seane se se reng, ‘Metlhala ya khumo mentsi e tlhoka balatedi.’

A jaanong re re, mongwe wa banna ba, o tlogetse tiro e a ntseng a e dira. Basimane ba tshwere kgang e, mme ga ba dumalane gore tota yo o tlogetseng tiro ke mang. Go bona basimane ba sa dumalane gore tota go diregile eng, Mhati o tsenelela kgang mme o tlhalosa gore, tiro e tlogetswe ke Balatedi Selati, yo e neng  e le moruti, fa Balatedi Seedi ene e ne e le ngaka ya Setswana. Fa o etse tlhoko, o tlaa lemoga gore, fa re bua ka Seedi, re dirisa leemedi  ‘ene,’  le latelwa ke legokedi ‘e,’ re re, ……ene e ne e…..’ Pharologanyo ke yone eo. Gone fa, polelo ele e ka bo e ne ya re, o ne a re, ‘…kgwebo ya me e ne ya ….’ Ga se ka ga nna jalo. Polelo ya tshwaraganya mafoko ale, mme jaaka re tle re nne re bue, ga felela e le lefoko le sele, le sa dirisiwa sentle. Jaaka gale, re wele re ntse re re, a re ne re ela tlhoko gore go kwalwa jang, re kwala jang, go tila diphoso tsa go nna jaana ka ke tseo di direga gangwe le gape..