Radithupa Radithupa � Mosenodi wa popota wa tepo Loapi
Oageng Batenegi | Wednesday November 9, 2016 16:42
Ka botshelo ja gagwe, Radithupa o supa fa ele molekane wa lefatshe la Botswana, a tshotswe ka ngwaga wa 1966, kgwedi ya Phukwi ele lesome le bosupa, kwa Serowe. A re batsadi ba gagwe ke rraagwe ebong Gaobonale Radithupa, yoo kileng a bereka sebaka se se leele ele morutabana, le mmaagwe eleng Tumelo Radithupa a kile a nna mogwebi.
Radithupa le ene o na le lelwapa la gagwe. O ne a tsena mo nyalong e boitshepo ka ngwaga 2010 le mme Botlhale Eunice Radithupa mme ba segofadiwa ka bana ba basimane ba le babedi.
Ke ngwana wa ntlha mo batsading ba gagwe, a salwa morago ke bomonnawe ba banna ba le bararo, le kgaitsadiabone. Mongwe wa bone o setse a tlhokafetse. Radithupa o supa fa a godile a rata botshelo ja moraka le masimo thata. Mme o ne a dirisa sebaka thata sa fa dikole di tswetswe go etela mafelo a.Ke motho a utlwana thata gape le mmino wa Jazz le go tshameka kgwele ya dinao. O kile a tshameka le banna ba tshwana le motshameka pele wa pele wa setlhopha sa setshaba, Mmoni ‘States’ Segopolo kwa setlhopheng sa Mphatlalatsane. Radithupa o supa fa e ne e re a e tshwere sentle kgwele, barati le barotloetsi ba gagwe ba ne ba mmitsa ‘2Eleven’.
O tsene sekolo se sebotlana kwa Manonnye ka 1973 gone kwa Serowe mme a fetsa ka ngwaga wa 1979. O dirile dithuto tsa gagwe tse dikgolwane le go di fetsa ka mophato wa botlhano kwa Tutume McConnell College ka 1985.
Morago ga foo o ne a dira tiro ya nakwana kwa moepong wa BCL, a dira le makalana ka go farologana.
“Ke gone kwa ke neng ka kopana le tsala yame ya jaana, John Stegling yo ebile re berekang mmogo mo lephateng la tsa Tepo Loapi” Radithupa a tlhalosa jalo.
Morago ga dikgwedi ba le kwa BCL, Radithupa le Stegling ba utlwalela sekolo sa ithutelo tepo loapi kwa Nairobi kwa Kenya. O ne a bolola le tsala ya gagwe, Stegling go ya Kenya go ithutela tsa tepo loapi(Diploma in Metereology). Ka 1988, Radithupa a sena go fetsa sekolo, a tla gae mme a bereka kwa lephateng la tepo loapi a thusa mo go tsa maranyane.
Ka 1995, a boela sekolong gape kwa moseja wa ga Mmamosadinyana (UK) go ikoketsa dithuto tsa tepo loapi kwa sekolong sa Reading a dira dithuto tsa Honours Degree in Meteorology.
Radithupa a re o eletsa ekete maranyane a tepo loapi a ka godisiwa le bana ba ba tswang kwa tlase ba a kgatlhegele go ithuta ka one. O tlhalosa gore o tswa kgakala a rata dithuto tsa maranyane le dipalo mme ekete dithuto tse ga di rotloediwe thata gore bana ba lemoge botlhokwa ja tsone.
E re ntswa batho ba mo rata thata segolobogolo fa motho o lebile dikakgelo tsa bone mo maranyaneng a segompieno a ditlhaeletsano, Radithupa a re fale le fale bangwe ga ba ise ba tlhaloganye tiro ya bone sentle ele ba tepo loapi. A re nako tse dingwe o kgalelwa go sa lepa loapi sentle, a re batho ba tshwanetse go itse fa loapi ele maranyane a a fetogang gangwe le gape, ebile a le matswakabele.
Fela, a re se se botlhokwa ke go tlhaloganya gore sekai, tepo e kgona go fetoga ka nako e e sa solofelwang mme go lebege ekete ke bone ba fositseng ele ba tepo loapi.
O tlatsa ka gore, ka boitseanape ja bone le ditshipi tse di nonofileng tse ba di dirisang, ba leka bojotlhe go nepa loapi sentle. Radithupa a re se ke thulaganyo e diragalang mo go tsa tepo loapi lebopo ka bophara.
Fela, a re gaa kake a kgona go tlhomamisa dikgang tse dingwe kgotsa dipotso tse a tshelang a di botswa tsa gore a motho o ka kgona go nesa pula, le gore a tladi ke nonyane kana pula fa e na ka sefako mongwe o a bo a tsere mae kana ngwana wa kgwanyape. O tlatsa ka gore bone ele ba tepo loapi ba dirisa maranyane mme ba ka batla go tshwaragana le go utlwa mo go ba ba supang fa ba na le kitso ka dipolelo tseo gore ba di rarabolole.
Radithupa a re o tsaya tiro ya gagwe ka tlhwaafalo ka a itse sentle fa batho ba le bantsi ba e dirisa go dira ditiro tsa bone. Maphata a tshwana le a puso sekai, a botsogo a tlhoka bogakolodi ja tepo loapi mabapi le go lwantsha malwetsi mangwe.
Ba dikago le bone ba tlhoka go itse seemo sa loapi thata gore ba kgone go dira tiro ya bone ba sa kgoreletswe ke seemo sa loapi jaaka dipula. “Tepo loapi e botlhokwa gape le mo mohameng o tshwana wa temothuo. Batho le bone fela ka kakaretso ba tlhoka go itse seemo sa loapi go dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi jaaka go tlhatswa diaparo jalo jalo,”Radithupa a tlhalosa jalo.
Radithupa a re setshaba se ka ikanya tiro ya bone fela thata. A re ele lephata, le bone ba tlaa tswelela ba tokafatsa fa go bonalang letlhoko teng. Radithupa o tswelela ka go tlhagisa gore mo malatsing a a tlang, mogote o tla tswelela ka go utlwala thata mo lefatsheng leno. Ka jalo setshaba se tshwanetse sa ipabalela thata ka go nwa metsi a mantsi. Fela, a re se se itumedisang ke gore pula le yone e tlaa tswelela ka go timola mogote fale le fale.