Naledi

Banna ba sianye ba le maponapona

Sepadi Pasitso
 
Sepadi Pasitso

 Naledi, e ne ya utlwalela seo mme ya kubakuba jaaka pitse ya motsomi go ikutlwela ka tsoopedi mabapi le tiragalo eo. Batswasetlhabelo ba tlhomamisitse gore ke nnete ba iteilwe setlhogo ke magodu, a ba apola diaparo, a ba a ba tshosetsa go ba thubetsa le go kgaola tsebe ya yo mongwe ebong Sepadi.

Sepadi yo Naledi e mo fitlhetseng a le mo ditlhabing tsa go ketekwa le go kgaolwa tsebe ya molema, a re ntshenatshe e ba diragaletse mo Letlhakane kwa lefelong le le bidiwang Phase 1 bosigogare.

A re ba welwa ke seru jaana ka ba ne ba tsile go tshedisa bagabone ba ba tlhokafaletsweng mo Letlhakane. O boletse fa ba ne ba ya go itisa kwa sepotong sengwe mo Phase 1 ba akola go kwiditetsa khadi ba ikgomotsa. Sepadi  a re morago ga seo ba ne ba paka ka dikupu ba ya kwa lwapeng. Mme ka go tlhoka lesego ba tlhaselwa ke magodu ba ise ba kgabaganye tsela ya Serowe-Orapa. Ba re ba ne ba betswa ke segopa sa magodu, sa ba apola diaparo ka dikgoka, sa ba tseela khadi ya bone le madi sa bo sa ba tshosetsa go ba thubetsa.

“Kana mongwe wa bone o ne a ntshitse thipa a bua mafoko aa bosula a gore fa re sa thubediwe re tshwanetse go tseelwa bong”. Ga bua Sepadi.Gatwe morago ga go sotlakakwa jalo ke magodu, batswasetlhabelo ba ne ba siana lepaapaa ba le mamponompono mme ba kgaogana ka phoso fa George a ne a kgona go goroga kwa lwapeng fa Sepadi ene a ne a timela mme a thuswa ke ba lwapa lengwe ba ba neng ba mo thusa go bona ba bongaka. Borre bao ba re ba kgwile mathe ba theletse ga ba kitla ba itisa kwa Phase 1 gonne ba dule ka bobi ja segokgo. Marara a motse le basepodise ba re batho ba tshwanetse go emisa go nwa majalwa masigo go tila masula.Gape ba kopile bommasepoto go tswala ka nako e e beilweng. Morago ga puisanyo batswasetlhabelo ba ne ba rwala mesobana ya bone ba boela kwa Kedia.