Blogs

Ke eo gape

Ba bangwe ba apeye dijo kwa malwapeng mme ba rwale ba ye go rekisa fa tlase ga tsela. Bangwe ba rekise tsa masimio, dingwe di budule, tse dingwe di le tala. Bangwe gape, re bone ba rekisa ditlhare. E re re bona jaana, bangwe re se ke re akanyetse gope kgakala, re tseye gore go felela fela foo. Re tseye gore tiro ke go rekisa fela, le gore o bone sengwe o lale o laletse. Nnyaa, ga go a nna jalo. Bangwe ba akanyetsa pele.

Gompieno re utlwa gore kwa Kgatleng, ka kgetsi ya tsie ke go tshwaraganelwa, balemi ba ipopile, ba itlhamela mokgatlho. Go lebega balemi ba, ba ne ba bona gore fa ba ka dira ba kgaoganye, mongwe le mongwe a eme fale ka nosi, ga go na go tswa tema epe. Ba bona gore, gore ba tswelele, ke gore ba bo ba ipopile ba le ngata e le nngwe.

Ga nna jalo, mme ga se ka ga felela foo. Go bonala gore, ka ke balemi e bile ba gweba ka ditlhare tse ba di lemang, ba bona gore go tshwanetse ga nna le leano lengwe la gore ba ipapatse. Gatwe modulasetilo wa mokgatlho oo, a re ba ne ba tlhoma malatsi a Hirikgong a le masome mabedi le bone, go ya go a le masome mabedi le botlhano, go nna one malatsi a ipapatso eo.  Ga re itse sentle gore ipapatso e, e dirwa jang.

Fela re tsaya gore ke mohuta mongwe wa ditshupo jaaka re a tle re bone balemi barui ba dira ka nako ya ditshupo tsa temo thuo. Barui ba tle ka loruo ka go farologana ga lone ba lo supe; balemi le bone ba tle ka tsa bone go tla go supa gore ba dira eng, le gore ba tsweletse jang. Re dumela gore balemi ba ditlhare kwa Kgatleng le bone ba tla ka ditlhare tsa bone go tla go supa gore ba iteka jang, ba tsweletse jang. Mme gongwe jaaka go direga ka ditshupo tsa temo thuo, batho ba tlhole koo, ba jesa matlho monate, gape ba ithuta.

Gatwe, tiro e ya go ipapatsa, e simologile ka ngwaga wa 2011 mme kwa morago, ka kgwebo e ne e le kwa tlase, ya ema. Motswana o a tle a re, ga go tsela e se nang mosetlho, a raya gore, ga go tiro epe e se ke e tlhoka se se e kgoreletsang, se e itsa go tswelela sentle. Mme mo tseleng e ya temo le kgwebo ya ditlhare kwa Kgatleng, mesetlho ke eng?  Gatwe, mongwe wa bagwebi a re, metsi, dilo tse go lemelwang ditlhare mo go tsone (dipolaseteke) le gone go rekwa ga ditlhare tse, ke dingwe tsa dilo tse di emeng kgwebo ya bone pele. Ka kgwebo ke eo e ne e reketla, ipapatso ya nama e eme ka dingwaga tse di fa gare tsele. Le fa go ntse jalo, ka tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong, bagwebi bale ba se ka ba latlha mogopolo ole wa go ipapatsa; ba nna ka tsholofelo ya gore, nako nngwe, le tlaa tlhaba. Ga nna jalo. Re utlwa gore, e ne ya re ngogola ba boela ipapatso eo, mme le ngwaga ono ya tswelela.

Malatsi a ipapatso e, ga a bolelwe e le malatsi a re ka reng ke a matlho dialana ga a je sa ga ope, re raya gore ke malatsi a go jesa matlho monate fela. Nnyaa, ga go a nna jalo. Ga twe ka one malatsi a, batho ba rutwa ka mosola wa go lema ditlhare mo malwapeng a bone le go di tlhokomela, ba rutwe le ka mehuta ya tsone ditlhare tse bagwebi ba, ba di bapatsang, Ditlhare tse, di bolelwa e le tsa maungo le tse di kgabisang.

Ka dilo makwati, gongwe, bangwe gone fa, ba bapale sengwe, morago ba tlhagafale, ba leme, mme ba emise mosepele wa go nna ba ya go reka maungo le ditlhare dingwe go tla go kgabisa malwapa le matlo a bone. Madi ale, a a ka bong a rekile ditlhare tsele, a kgone go thiba phatlha nngwe mo lwapeng. Gongwe go feta foo, le bone ba felele e le balemi le bagwebi ba ditlhare. Go nne monate, botshelo bo tswelele. Mahulo ke one a gale e bong  Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo e ya balemi ba ditlhare kwa Kgatleng foo.

Fa e bua ka fa go bolelwang ipapatso ele e simologileng ka teng, Dikgang (Daily News/ Hirikgong 29 2019) ya re;

“Mme... are mokgatlho wa bone o simolotse ka 2011…..”

Kgang ke ya gale ya gore, lefoko lengwe fa godimo fa, ga le a kwalwa sentle. A re utlwe gore wa re lefoko leo, ke lefe, le gore, molato ke eng ka lone. Rona ra re, lefoko leo ke ‘are’ mme re re, phoso ya maloba re e bona ka ‘ago,’ ke eo gape, e le ya go pataganya mafoko a a ka bong a kgaoganye. Lefoko ‘are,’  ke Sekgowa ga se Setswana. Mme fa re le kgaoganya, re re  ‘a re,’ e nna Setswana.

A re supe gore, lefoko le, le dirisitswe gararo mo polelong  ele ya balemi ba ditlhare kwa Kgatleng mme mo ditemaneng dingwe tse di  fa godimo la kwalwa sentle. Fa re ya fa tlase, ra fitlhela mo temaneng nngwe le kwadilwe jaaka re bona fa godimo fale. E, jaaka re ne ra bua maloba, re belaela gore ke phoso e e dirilweng ke motshine (computer) ka yo o neng a kwala, o ne a se ka a ela tlhoko gore.