Blogs

A re ne re ela tlhoko

Rre Sethibenyane o bolelwa e sale monana, a le dingwaga di le masome mararo le boraro. Go ya ka polelo e re e bonyeng, e rile go bona mananeo a le mantsi jalo, ene a ya le lenaneo la ISPAAD (Integrated Support Programme for Arable Agriculture Development). Go bolelwa gore, fela jaaka balemi ba bangwe, monana yo a simolola a fiwa dipeo, menontshane, a bo a lemelwa ditema tse tlhano tse ISPAAD e tlhatlosang balemi ka tsone. A leba, mme a bona dinawa, mmidi, le lablab, e le tsone di leng bogadi bo gaufi. A tlhomama mo go tsone.  Ya bo e le fa molemi yo, a simolotse, a gatetse pele.

Re utlwa gore, molemi yo, ga a lemele go ja fela mme gape o dira temo e le kgwebo. Go ya ka polelo ele, e a re go se na go  rojwa, Rre Sethibenyane, a sile lotlhaka le masalela a dinawa. E re selemo, phulo e le kwa tlase, a jese loruo lwa gagwe a bo a rekisetse barui ba bangwe.

Mme go nne jang? Go nne molemo ka gore re utlwa go twe, ka go itirela, Rre Sethibenyane ga a nne le matsapa a mantsi a go rekela loruo lwa gagwe dijo. Ga twe a re fa a reka, o reka fela sele le sele, go oketsa, kgotsa, go natefisa, mo go setseng go le teng. Godimo ga moo, a rekisetse barui ba bangwe le bone e le go ba thusa go falola leuba. E nne tiro e ntle thata. Polelo ya re, ka tse e leng tsone dijo tota, mmidi le dinawa, o kgona go itshetsa mme ka masalela a tsone, lotlhaka lwa mmidi, matlhare a dinawa le metang ya tsone, jaaka re utlwile, a sile a fepe loruo lwa gagwe. E re a rekisa mo gotlhe, dinawa, mmidi le tsone dijo tsa loruo, a bone dipoelo tsa go mo isa fa pejana. Ga nna jalo.

Re utlwa fa molemi yo a re o ne a bona batho bangwe ba fetwa ke lenaneo la ISPAAD ka jaana diterekere di ne di  tlhaela. Re dumela gore se, se raya gore bangwe, ba ba neng ba eletsa go lema, ba ne ba sa kgone ka diterekere di ne di se dintsi, di sa lekane balemi ba masimo a Naledi.  Go bona seemo se ntse jaana, Rre Sethibenyane a bona gore le ene o tshwanetse go leka, a tlhatlosa ba bangwe gore le bone ba tsoge ba bolela puso ka sengwe. Ga twe, ka one mogopolo o, a felela a rekile terekere, ke yoo, le ene o ja ISPAAD.

Ga e re mahulo a sale matalana di tsamaele gope kgakala go batla a sele. Ka jalo, re ntse re mo go one fela a gale e bong Dikgang (Daily News) mme re fitlhela polelo e, ya molemi wa Naledi moo. Fa e bua ka fa Rre Sethibenyane a reng temo ya gagwe e mo thusa ka teng, Dikgang(Daily News/Tlhakole 01 2019) ya re;

‘…..ka jaana ke sa lemele fela go itshetsa mme jaanong ke fepa leruo lame…..’

A re nne re re, tlhoma temana e re e nopotseng e matlho mme re utlwe gore mo go yone, o bona, kgotsa, o bonye efe phoso le gore, ke eng seo e le phoso. Re nne re re, ka o koo, o re katogile, ga re itse gore o tlaa araba o reng. Rona ra re, phoso e re e bonyeng ke lefoko ‘lame.’ 

Phoso, jaaka re tle re nne re bue, ke gore lefoko le, le patagantse mafoko a mabedi, a tota a ka bong a kgaoganye, la a dira lefoko le le lengwe. Ga felela go ntse jang?

Ga felela lefoko le, e le leina, gape e le lefoko la Sekgowa. Re itse gore ngwana o ka bidiwa leina ga twe Lesego. Mongwe a bo a ka botsa gore ke lesego la eng, mme yo o arabang a re, ‘ Ke lesego la me.’

Fa o  lebile sentle, o tlaa lemoga gore fa re bua, re kwala, e le seele, lefoko ‘lame,’ le a kgaogana e nne mafoko a mabedi e leng, ‘la me.’  Mme fa e le leina, ke gone le tshwaragane e nne ’Lame.’ Fela jalo  le ka mafoko a mangwe jaaka ‘ba me, ga me, wa me, sa me, ya me.’ Fa e le maina, mafoko a otlhe a a tshwaragana. Fa re a dirisa e le mafoko fela, re bua kana re kwala, e le seele, a a kgaogana.

E le sekai re re,’Batho ba me, Motho wa me, Selonyana sa me, Golonyana  ga me, Kgarejwana ya me, jalo  jalo  fela.’

Fa godimo fale, re rile lefoko ‘lame,’ gape, ke Sekgowa. E a re ba bua Sekgowa re utlwe ba re go na le ‘a lame duck.’ Ba re fa ba rialo, ba raya selo se reketla, se sa itshetlela sentle. E re motho a na le kgang, a ntsha lebaka lengwe go iphemela, ba re lebaka leo ke ‘a lame excuse,’ ba raya gore, le bokoa, ga le utlwale.

Maloba fa re bua ka lefoko ‘ago’ le ‘are,’ re ne ra re, nako nngwe phoso ga e dirwe ke yo o  kwalang, e dirwa ke motshine (computer). E re o kwala Setswana, motshine one o fetele pele o kwale Sekgowa. Gongwe go diregile jalo  ka ‘lame.’ E rile yole a ka bo a re ‘la me’ motshine, ka go rata Sekgowa, one wa bo o re ‘lame.’ Jaanong a re ne re ela tlhoko gore, re kwala jang, motshine o kwala jang.