BOT50 e atlegile ka dikgwebo-Olopeng
Oageng Batenegi | Wednesday November 2, 2016 16:16
Olopeng o buile jaana kwa palamenteng e e tsweletseng a bolela fa dikgwebo di dirile go tlala ka diatla go oketsa letseno le puso e neng ele beetse fa thoko go rulaganya meletlo ya Bot50. A re puso e ne e beetse fa thoko madi a kana ka di dikadike tsa dipula di le lekgolo (P100 million) mme di dikgwebo tsone tsa thusa ka didikadike tse tharo, dikete tse masome a robangbobedi le borobabobedi, makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le botlhano le dithebe tse borobabongwe le botlhano (P 3,088,885.95).
Tona o tsweletse ka gore, ka e ne e le tiro ya lefatshe le Batswana botlhe, maphata ka go farologana go balelwa le a puso, a ne a nna le seabe ka go tsisa diatla le megopolo ya bone. Olopeng a re kwa dikgaolong go ne go le ba yo o sebete ka baeteledipele ba dikhansele le metse ba ne ba eteletse pele merafe ya bone go tlhomamisa gore meletlo ya boipuso e nna le katlego.
E re dikgang di eme jalo meletlo ya Bot 50 e ne ya tshwarwa lefatshe ka bophara mme meletlo mogolo e ne kwa lebaleng lekgolo last Metshameko mono Gaborone. Meletlo e e ne e tsenwe ke baeng ka go farologana go tswa mafatsheng a sele, tautona wa lefatshe leno Dr Ian Khama, ene Tona Olopeng le matona a mangwe a puso.
Meletlo e e ne ya felela ka motshameko wa kgwele ya dinao wa botsalano magare ga dipitse tsa lefatshe last Botswana le banna ba kwa Angola.