Blogs

Lefoko leo ga le yo

Go a bo go lebilwe le tsotlhe tse di dirafalang mo lefatsheng mme ka tsela nngwe, di ama botshelo jwa rona; dingwe di ka bo dira monate, tse dingwe tsa bo dira bosula.

E re fa go dirafala tse di monate thata, tse di itumedisang, go twe botshelo bo runne. Fa e le tse di maswe, batho ba hutsafale mme ba re lefatshe le a lwala.

E, ke puo e e buiwang thata malatsi ano, ka go dilo di le dintsi thata tse di sa re tsoseng. Go borukutlhi ka mehutahuta. Ka ntlha e nngwe, dingwaga di tle, di tlhatlologane, tse dingwe di tle di setswe morago ke leuba, lenyora le le kalo. Ba re ba a leka ba metsi, go nne go omelele fela.

Malatsi ano fa ba bua ka leuba, go tlhoka pula, ba re le dirwa ke phetogo ya lewapi. Go twe, lewapi le kgotletswe ke dilo dingwe, tsa le gotetsa thata, ke ka moo re sa tlholeng re bona pula e ntsi  e e neng e tle e bonwe nako tsele. E re ba fetela pele, ba re nako eo ke lefatshe le sa ntse le tobetsega, dilo di le monate, di le boruma, di se thata jaaka gompieno jaana. Fa ba baya sekai ba re, motho o ne a ka baya tema e le nngwefela fela, a e lema Setswana, a sa leme ka ditselana. A gase ka seatla a tlhakantse dipeo, mabele, mmidi, dinawa,dithotse (magapu, marotse, maphutse) le tse dingwe fela jalo, mme a tloge a je thata mo go yone. E le fela gore, nako eo, pula e ne e le ntsi, mmu le one o le monate, o natefelela dijwalo ka o ne o sa tseye lobaka o ngwangwaletse. La fetoga lewapi, la gotela, pula ya bonwa ka go eta. Fa e le balemi bone, phetogo e ya lewapi  ya ba babalela go feta.

Gompieno re utlwa fa bangwe ba ba lelang ka phetogo ya lewapi e le balemi ba metse ya Etsha kwa kgaolong ya Okavango. Re itse gore, ka gale, balemi ba, fela jaaka ba bangwe ba ba mo mafelong a a tletseng diphologolo, ba  lela  ka gore dilo tse, bogolo jang ditlou, di a ba senyetsa. Ba a lema, e re ba le foo, ba solofetse go roba sengwe, ditlou di tle, di suputse masimo a bone. Nako nngwe go sale go se na sepe. Mme go nne jang? Go nne botlhoko ka bana ba ka tlhoka le gone go lalela tota. Mo godimo ga go lela ka go senyediwa ke diphologolo, gompieno jaaka re utlwa, balemi ba Etsha ba lela ka go tlhoka pula. Re itse gore malatsi ano pula ga e ikanyege. Ga re ke re itse gore e tlaa na leng, e na mo go kae. Ngwaga mongwe e ka na ka nako, ga lengwa, ngwaga ya nna o o monate.  E re ka ngwaga ga o rwalele o mongwe, nako nngwe e se ke e ne, kgotsa e ne, e na jaana, paka ya temo e setse e fetile mme go nne thata. Fa go nna jaana, batho bangwe ba tlhoboge temo.

Re ntse re tlhodumetse  Dikgang (Daily News)  mme re fitlhela polelo e ya balemi ba Etsha mo go yone.

Fa e bua ka fa mongwe wa balemi ba a reng ba tlhobaediwa ke seemo sa lewapi ka teng,  Dikgang (Daily News/ Tlhakole 07 2019) ya re;

‘A re e re bangwe ba kgobegilwe marapo ke letshwenyo la diphologolo…..bontsi…..bo tlaa….latlhegelwa ke kgatlhego mo temong.’

Jaaka gale, potso ke gore, mo temaneng e re e nopotseng e, o bona phoso efe, le gore, ke eng seo e le phoso.  Gape, fa o ne o ka baakanya, o ne o tlaa baakanya jang? Re ntse ga re itse gore, o tlaa araba o reng, le gore, o ne o ka baakanya jang.  Phoso e rona re e bonyeng ke lefoko ‘kgobegilwe.’ Ga twe, ‘….bangwe ba kgobegilwe marapo….’ Phoso ke gore, lefoko le, le tsentswe ‘w ‘ tlhaka e e ka bong e se mo  go lone. Boemong jwa  ‘kgobegilwe,’ ga twe, ‘kgobegile, ‘….ba kgobegile marapo ke….’  Fa Setswana se re motho o dira a kgobegile marapo, se raya gore, o dira a itsapa, a nyatsa, ka o bona e kete se a se dirang, ga se ke se mo thuse ka sepe. Gone foo, potso e bo e ka nna gore, o kgojwa marapo, kana, o kgobilwe marapo ke eng?  Se bolelwe fa se le teng.  Kwa Etsha, re utlwa fa balemi ba kgojwa marapo, ba kgobilwe marapo ke gore, ka gale, ba tshwenngwa ke ditlou, di ba senyetse. Godimo ga moo, lewapi le tsile ka ga lone, pula e boutsana. Fa seemo se ntse jaana, bangwe ba bo ba ka itlhoboga, ba tlogela temo. Bangwe ba tswelele mme tota ba ntse ba nyatsa, ba ipotsa gore a ba tlaa felela ba robile sengwe, kgotsa, ba tlaa tswa fela ba iphotlhere.  Ba ke bone go twe ba dira ba kgobegile marapo, ba kgobilwe marapo ke eng? Ke seemo sa pula. Motswana a bo a ka nna a fetela pele a re, ba dirwa fela ke gore, ga twe, boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe. Fa o ne o etse tlhoko, o bonye gore, lefoko lele, ‘kgobegilwe,’ ga le yo, ga se Setswana. Jaanong go digela kgang ya rona, re ntse ra re, a re ne re ela tlhoko gore re kwala jang; re kwale Setswana sentle. Fa re sa dire jalo, diphoso dingwe tse re di dirang, di tlaa latlha ba bantsi.