Naledi

Thuso ya potlako ke kgwetlho mo liking ya Debswana

Ngwaga go ya ngwageng ditlhopha di dirisa metsi fela go tlamela batshameki ba ba golafetseng jaaka thuso ya potlako. PIC- ZOLANI KRAAIPic. ZOLANI KRAAI.jpg
 
Ngwaga go ya ngwageng ditlhopha di dirisa metsi fela go tlamela batshameki ba ba golafetseng jaaka thuso ya potlako. PIC- ZOLANI KRAAIPic. ZOLANI KRAAI.jpg

Seemo se se itshupa gangwe le gape mo metshamekong e e tlwaelesegileng ka ya kwa leroleng. Bosheng jaana mo motshamekong wa Sharps le Skoon Boys molaolamotshameko mme Orebotse Kekobang le bathusi ba bagwe Ookediste Keitseope le Laone Beleng ba ne ba patelesega go tsaya nako e telele  go emisa le go tsweledisa motshameko morago ga dikgobalo tsa ditlhopha ka mabaka a gore batshamiki bane ba diegelwa go tlamelwa.

Gangwe le gape molaolamotshameko o ne a patelelesega go botsa bao ba ba rumilweng go tlamela batshamiki gore didirisiwa tse di maleba tsa go tlamela batshamiki jaaka malao le potomente ya thuso ya potlako ntlha di kae.

Dingwe tsa dikai ke tsa go tsena mo lobaleng ga bao ba ba tlamelang batshamiki, bangwe ba apere diphathaphatha le diaparo fela tse di sa tsamaelaneng le kapari ya motlamedi kana mebala ya ditlhopha tsa bone.

Sengwe gape ke gore bao ba ba rumilweng go tlamela batshamiki, o fitlhela ele barotoloetsi e bile ba sa kwadisiwa mo mokwalong wa botsamaisi jwa setlhopha.

Kgang e nngwe gape e e ngomolang pelo le go tlhabisa ditlhong ke ya go sikara metsi ele tsela ya go tlamela motshamiki yo o boneng kgobala e gotlhelele e sa tlhokeng metsi mme e tlhoka tshidilo kana go emisiwa ga madi. Fa go buiwa ka go tlamela motshamiki yo kgolafalo ya gagwe e bakang go tshologa madi kana go dutla, bo mme ba le bo rre ba, ba tsena mo lebaleng le diatlana tsa itshereletso ba sa tshola.

Fa ele go gobala ga mesifa, go tlhoka tshidilo e e faphegileng mme fa gona le go swanyega go tlhoka kelotlhoko mo go tshegetseng motshamiki le go mo kukela kwa ntle ga lobala.

Naledi e ne ya dira mateko a go buisana le monnasetilo wa liki e rre Sam Keitireng mabapi le seemo se mme mogala wa gagwe wa letheka wa lela gantsinyana mme o sa arabiwe. Motshwarelela motsharateu wa BFA mme Susan Lawrence o ne a  seka a kgona go buisana le Naledi ka ane a le mo phutegong ka nako ya polelo e gatisiwa.