Naledi

Kegane Direlang - Morotloetsi wa ipabalelo Tseleng

 

‘Rre Direlang’ jaaka a tlwaelesegile go bidiwa fa a leletsa mo seromamoweng bogolosegolo sa RB1,ke motho go lebega a tswa kgakala ka go kgathala ka tlhabololo ya lefatshe la gagwe segolo bogolo molaetseng wa ipabalelo tseleng.

Direlang o etetse Naledi a bolela fa a ne a gwetlhwa ke go bona tsala ya gagwe Rre Kuke Kolo mo lokwalongdikgannyeng lwa Naledi. Ya re go ise go e gope a tlhalosa gore o gwetlhilwe ke eng go nna morotloetsi wa dithulaganyo tsa ipabalelo tseleng mo Botswana. A bua jaana a phulola dipampiri le dinepe tsa ditso tsa tiro ya gagwe.

Rre Direlang ke motho a tswa kgakala a na le lorato lo lo kwa godimo lwa go palama dibaesekele e bile a tseneletse dikgaisano tsa tsone mono gae le kwa Aferika Borwa tota. O bua jaana a ntsha bosupi jwa se ka go supegetsa Naledi nngwe ya ditlankana go tswa mo dikgaisanong tse dintsi tse a di tseneletseng. “E ne ele ka ngwaga wa 1988 kgwedi ya Phukwi e tlhola malatsi a le lesome, fa kene ke tsaya maemo a ntlha mo lebelong la sekgele sa dikhilometara tse masome a supa le bobedi ka nako ya oura, metsotso ele masome mane le borataro le metsotswana ele masome mane le botlhano. Lebelo le, lene le rulagantswe ke ba diotele tsa Cresta Marakanelo,ebile setlankana se se beilwe monwana ke mookamedi wa dikompone tse ka nako eo, motho gatwe J.Bull,” Rre Direlang a tlhalosa jalo. Lorato lwa ga Direlang mo go palameng dibaesekele la lomagana thata le tiro ya gagwe ya boithaopo ja go gasa melaetsa ka ipabalelo tseleng. A re o ne a tshwenngwa ke dikotsi tse di golang tsatsi le letsatsi tse dingwe di bakang ditshenyegelo tsa puso tsa go baakanya dipone tsa mesepele gangwe le gape.

Ka 1989 kgwedi ya lwetse e tlhola malatsi a le lesome le boraro, Direlang o ne a fiwa tlotla ya go nna mogaka mo go ruteng ka tsa ipabalelo tseleng. Direlang a re o ne a tsamaya le ba lephata la mesepele le dipalamo go gasa melaetsa ka ipabalelo tseleng ele moithaopi.

“Ka dinako dingwe ke ne ke tsamaya ke le nosi fa ba sena lenaneo la go dira jalo e bile kele motlotlo le yone folaga ya lefatshe leno e phaphasela mo baesekeleng yame. Kene ke kgabisa baesekele yama thata ka tse di ka fitlhwang mo koloing,” Direlang a tlhalosa jalo, a re go dira jalo gone go thusa go ngoka batho fa a ba buisa. A re go mo tlertse fela go itse go kgabisa baesekele. 

Direlang a re nako nngwe bangwe baeteledipele ba sepolotiki ba ne ba sa amogele tiro ya gagwe mme a seka a kgobiwa marapo ke seemo se. A re tiro ya gagwe ene ya ngoka kgatlhego ya barotloetsi bangwe ba baithaopi ba lefatshe la Sweden, ba areng ba ne ba le mono go dira ditiro dingwe di akaretsa le gone go ruta setshaba ka ipabalelo tseleng. Ba ne ba lemoga botlhokwa jwa tiro ya gagwe mme ba mo kopa go thusana le bone.

“Ba ne ba mpotsa gore a ke kgona go kgweetsa, mme ka latola. Tota kene ke ipatlela go palama baesekele fela, e seng sepe gape. Fela baithaopi ba ba Sweden go bona bonatla mo go nna ba ntshenkela mmereko gore ke kgone ke itshetse,” A rialo Direlang. A re ka 1994, o ne a abela ba metlobo ya ditso baesekele ya gagwe e eneng e kgabisitswe thata ka bane ba supile kgatlhego ya yone. A go ise go e gope, ba lephata la ditsela le ipabalelo tseleng ba mo tsenya sekolo sa go kgweetsa mme morago ga dithuto tse ba thapa ele mokgweetsi mme a direla kwa lephateng la dikoli tsa puso (CTO), kwa a santseng a direla teng, mme a bolela fa tlaabo a tlogela tiro ka bogodi ngwaga o o tlang.

Direlang a re mo botshelong ja gagwe o kile a direla kwa meepong ga Aferika borwa jaaka ya kepo ya kopore le manganese. O tlhalosa gore e ne e ka nna dingwaga tsa bo 1974. Dingwe tsa tse a ipelang ka tsone ke go nna le seabe sa go kolekela kago ya sekole sa mmadikolo (UB) ka moono wa nako eo wa ‘Motho le motho kgomo’.

Direlang a re tota o goletse kwa merakeng a disa ka bonana jwa gagwe. A re rragwe ebong Mmoni Direlang o ne a mo rotloetsa thata go tlhokomela kwa morakeng, mme morago a tlhokafala. Direlang o tlhalosa fa a tshotswe le bo morwarraagwe bale boferabongwe mme go hulareng ga ga rraagwe ba sala le mmaabone eleng Dichelwa.

A re gone ga tswa kgaokolo mo botsading gore losika lo seka lwa nyelela mme mogolowa rraagwe e bong Barakanye a tla ‘se-ya-ntlong’ kwa lwapeng lwa ga rraagwe Direlang, ka maikaelelo a go tsweledisa tlhokomelo l;e kgodiso ya bana le mosadi. Fela Direlang a re bontataagwe botlhe ka bobedi, ba ne ba tshwana ka go dirisana le batho.

Direlang a re fela nako nngwe ke fa ba tlhagogelwa ke seru. Bana ba lwapa le letona, la ga Barakanye ba tla go ba tseela dikgomo tsotlhe. “Ba ne ba re rona re ba lwapa le lennye ebile ga re a tshwanelwa ke boswa,” Direlang o tlhalosetsa Naledi keledi ya gagwe e elela ka letlhaa. “Ke ne ka dirisa lefoko ka ba raya ka re tsela tshweu, mme ra ba tlogela ba di tsaya” Direlang a tlatsa jalo. Ke fa Direlang a simolola go itirela thata ka diatla ka a supa fa a sa tsena sekolo.

Fa a tlhalosa ka lelwapa la gagwe, Direlang o supa gore o kile a nyala mme morago ba kgaogana le mosadi. O supegetsa Naledi moriti wa setlankana sa gagwe sa lenyalo le sa tlhalo tse a tsileng potsolotsong ka tsone. Ditlankana di supa leina la mme yo Direlang a tseneng le ene mo nyalong ka ngwaga wa 1998, kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le mararo, mme ba kgaogana ka 2010 kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le lesome le boraro, Bana bone, Direlang a re ba le lesome le bone, basimane ba barataro fa basetsana ba le borobabobedi mme o tlhalosa fa a utlwana le bone fela botlhe thata.

Fela jaaka a tswa kgakala a rata go leletsa ko RB1, a re bangwe ba bagasi ba aneng a rata go ba reetsa thata ba akaretsa Archie Mogwe, Rebaone Mookodi le Godiramang Makhaya. Tota ebile o supa gore thulaganyo e eneng e bidiwa ‘Phuthadichaba’, ya magare ga bosigo, jaaka moreetsi wa yone, o ne a tswa ka leina leo morago ga gore bareetsi ba kopiwe go tla ka leina la thulaganyo eo.

“O ka nna wa botsa le Rre Dithato”, Direlang a bua ka yo mongwe wa baletsi ba batona ba seromamowa. Direlang o ne a dumela gore thulaganyo e e kopanya batho, e gompieno e bidiwang ‘Kgogamasigo’.

Direlang o gatelela thata gore baletsi ba seromamowa ba nako ya gagwe, moono wa bone thata ene ele go tswa ka megopolo e ka tlhabololang le go aga setshaba. “Lona ba gompieno moono wa lona ke go kgaoganya batho le go senyetsa babereki ba diromamowa tiro ka go bua tse di sa tshwanelang,” Direlang a rialo.

Direlang, yo bangwe ba atleng bare o a lapisa ka go buela ruri mo waelelseng, o tshotswe ka ngwaga wa 1957,kgwedi ya Ferikgong e tlhola letsatsi. Direlang a re ka se sebaka o nna kwa Kopong le mokapelo wa gagwe mme maikaelelo a gagwe ke go re ka 2017 ba nyalane, mme ba ye go itshwina mmogo kwa boitapolosong jwa selegae fa atlogela tiro ngwaga o o tlang. A re ene le mohumagadi wa gagwe ba tla batlelwa kwa Moreomabele.