Naledi

Fa re tlhatlhoba batshameki, re ele tlhoko ditshwanelo tsa bone

Se ke go netefatsa gore batho ba ba fenyang mo dikgaisanyong tsa metshameko ba dirile jalo ka boammaaruri eseng ka tsietso ka diritibatsi dingwe di kgona go fa batshameki maatla a a feteletseng a eseng a bone a tlholego. 

Mo metshamekong mengwe ya dintwa jaaka ya mabole, karate jalo jalo go nna le tshololo ya madi e e ka dirang gore matute a mebele ya bagaisanyi a tlhakane.

Tlhakatlhakano e ya matute a mmele e kgona go baya batshameki mo diphatseng fa bangwe ba bone ba ka tswa ba na le megare  ee ka tshelanwang ka matute a mmele jaaka madi. Malwetse a a ka tshelanwang jalo e ka nna a Hepatitis le HIV/AIDS. Tlhatlhobo e ka dirwa go babalela batshameki.  Lefa go ntse jalo, go botlhokwa go tlotla ditshwanelo tsa batshameki fa go dirwa ditlhatlhobo tse.

Di tshwanetse tsa dirwa go sale nako pele ga go ka dirwa dipuisanyo le batshameki ba bangwe ba ba tlaabong ba lwa le bone. Ebile ga go a tshwanela gore ba ba lwang le bone ba itse sepe ka gore a ba paletswe ke go pasa ditlhatlhobo ya malwetse a.

Mo bolwetseng ja HIV/AIDS go setse go ntse gona le tshidilo-maikutlo pele le morago ga tlhatlhobo go tlhomamisa gore ba amogela seemo sa bone. Tota gompieno go setse gona le kalafi e e ka ritibatsang megare go tsena mo seemong sa gore motho abo a ka seka a tshela ope megare le fa matute a bone a ka amana le a yo mongwe.

Tota gompieno go a kgonega gore le mo mading a yoo tshelang le megare ya HIV ebo e sa bonale. Se ke sone go leng botlhokwa gore ditlhatlhobo di dirwe go sale nako gore diritibatsi di fiwe nako ya go bereka.

Se gape se ka fa batshameki sebaka sa go ipaakanya ba phothologile mewa ka kitso ya gore ba tlaa kgona go feta sentle mo ditlhatlhobong pele ga metshameko ya dikgaisanyo.