Naledi

Mosola wa modi wa Ginger

Modi wa Ginger o na le ditiriso dile pedi tse di botlhokwa. Yantlha ke ya go tswakanngwa le dijo ka nako ya kapei, fa ya bobedi ele go dirisiwa jaaka motswako wa boitekanelo kana kalafi. Modi wa setlhatshana sa Ginger kana le kutu le matlhare a sone ke one oo bidiwang Ginger gole gantsi. 

Setlhatshana se se tlholega kwa mafatsheng a a nang pula thata kwa borwa jwa mafatshe a botlhabatsatsi a tshwana le India le China, go fa sekai fela. Ere ntswa Ginger e sa tlhole e mela thata mo dikgweng, go dumelwa gore e tlholega kwa India.

Modi wa Ginger o na gape le ditiriso dile mmalwa jaaka go inelwa mo metsing a a bidisitsweng mme go dirwe mogodungwane ka yone. Gole gantsi mogodungwane o o tswakanngwa le tsina ya dinotshe mme o thuse go alafa makoa mangwe a mmele. 

Bangwe ba e kopanya le namoni e e segeletsweng, e e botlhoko le e e sukiri mme go dirwe senotsididi sa Ginger jaaka re tlwaetse go e bitsa kwa meketeng e e farologaneng.

Modi wa Ginger a dirisiwa thata ke batho ba letso la seIndia mo kapeing. Senotsididi sa Ginger se dirisiwa thata ke batho ba letso la China, Japan, Vietnam le mengwe merafe ya borwa botlhaba jwa Asia mo dijong tsa bone jaaka nama ya tlhapi le sika la yone le merogo ka go farologana ga yone.  

Ginger e itsege thata ka go tsibogela makoa ale mmalwa mo mmeleng. Fa e omisitswe, Gemere e ka dirisiwa ka go silwa mme e nne bopi jo bo ka tsenngwang mo dijong kana e dirisiwe jaaka senotsididi kana mogodungwane.  Mosola wa Ginger o remelela thata mo botsogong jwa mmele le boboko.

Baitsaanape ba dirile mekwalo ele mentsi ka mosola wa modi wa Gemere mme gape dipatlisiso le tsone di ema nokeng mekwalo ya go tshwana le eo.

Ginger e dira tiro ya go tsibogela leswe le le ikagang mo dikarolong tsa mmele. Gape e thusa go tsibogela go ruruga ga dikarolo tsa mmele. E tswa bogologolo e dirisiwa go alafa mohikela le sehuba, go fokotsa letlhatso le go thusa go tlhofofatsa tshilo ya dijo mo maleng.  Dipatlisiso tsa baitsaanape di supa gape fa Ginger e na le mosola o montsi mo go thuseng bomme ba ba imileng mo go fokotseng go feroga sebete. E thusa gape go fema letlhatso morago ga loaro le mo go ba ba tsayang kalafi ya go tshuba kankere. Kgakololo e ka nna gore Ginger e siametse go dirisiwa ke bomme ba ba imileng mme fela ba tshwanetse ba botsa bongaka pele ga ba e dirisa. Go tlhaloswa fa go e dirisa thata kana phetelela ga bomme ba ba baimana go ka baka go senyegelwa. Legale ga gona patlisiso e e tseneletseng go tlhomamisa se. Kgang ke gore motho o tshwanetse a e dirisa ka seelo se se lekanetseng.

Ginger e thusa gape go fokotsa botlhoko jwa mesifa bogolosegolo jo bo bakwang ke itshidilo. E thusa gape go nonotsha ditokololo le go fokotsa ditlhabi tsa tsone. Go botlhokwa thata gore bagodi ba rotloediwe go nwa Ginger gangwe le gape, gongwe selekanyo sa dikopi tse pedi tsa yone gabedi ka letsatsi.

Ginger e thusa gape go laola madi a matona mme go dira jalo e thuse go fokotsa go amiwa ke malwetse a pelo. E thusa gape go fokotsa mafura a mantsi mo mmeleng a gantsi a felelang a baka malwetse a go swa mohama le go ema pelo.

Kgakololo e nngwe gape ke gore, Ginger fa e tswakanngwa le metsi kana e gaswa mo dijong, e thusa go fokotsa dikerempe kana go gaupana ga mesifa ya maoto le mabogo.

Se sengwe gape ke gore Ginger e itse thata go tsibogela malwetse a legano kana marinini. Mme se se fokotse kgonagalo ya go amiwa ke malwetse a kankere.