Naledi

Ba Palapye ba gopola merwalela

 

Go ise go e gope bokgola jwa utlwala ka phefo ya bophirima motshokologong, modumo wa metsi a itaya a makhubu a noka ya Lotsane wa utlwala. Baagi ba leka jalo go itlhaganelela malwapeng bangwe ba bo ba setse ba emetse go utlwa ka maru a itaya marulelo le go kgaotsa ga pula. Morago ba tswela ko ntle go bona bontle jwa loapi le motshe wa badimo, go ela ga metsi le mebila, le ditsela tota le yone noka ya Lotsane ga bonala.

Seemo sa bo e se sone jaaka batho bane ba tshoganyediwa mo matlong a bone ke go tsenelelwa ke metsi, ba iphalotsa ka mabogo fela mo ditlhogong, ditlamorago ya nna tsa morwalela ya Palapye.

Ga nna fela jalo, mme jaanong boeteledipele ja motse wa Palapye bo rulaganyetsa modiro o motona o maikaelelo a o ne e tlaabong ele go dira segopotso sa ba baneng ba amiwa ke tiragalo e.

Mo potsolotsong le Naledi, monnasetilo wa komiti ee rulaganyetsang tiro e, Benjamin Ndaba a re segopotso ke go amogana mowa wa kemonokeng le lorato magareng ga banni ba Palapye. Ndaba yo gape eleng monnasetilo wa pele wa komiti ya ditlhabololo a re ba tlaabo ba akaretse thulaganyo ya merapelo mme tsotlhe tse di tla dirwa kwa kgwedi ya Ngwanaatsele e rogwa.

Morwalela o ne wa ralala motse wa Palapye mme wa feletsa o gapile matshelo a batho bale mmalwa le leruo ga mmogo le go phutlhamisa matlo a boroko le a dikgwebo dingwe. Go ya ka rre Ndaba, ke ka moo bontsi jwa bafalodi baneng ba fudusediwa kwa kgotlaneng ya Khurumela.

Ndaba a re dikgotlana tse di neng tsa amiwa thata ke merwalela eo, di akaretsa Lotsane, Madiba, le Thomadithotse. A re o gakologelwa metsi a raletse borogo jwa Lotsane jwa tsela ya A1 ga mmogo le jwa terena tota. Malwapa a ka tshwara makgolo a mane a ne a sena dijarata mme ga gwetlha puso go tsenya letsogo mo go thuseng mme batho ba abelwa ditsha ko Khurumela.  Mookamedi wa otele ya Sahara Stones, rre Daniel Thito o tlhomamiseditse Naledi fa ba tla thusa mo di thulaganyong tsa modiro o. Mongwe wa ba baneng ba amiwa ke morwalela ebile a bolela fa a buile gaufi le loso rre Amogelang Mhatshe (70) o ne a lotlegela Naledi ka tiragalo ya letsatsi leo.

Mhatshe a re ka letsatsi la tiragalo e, o ne a tswa phitlhong kwa Serowe mme a goroga ka go itheetsa a fitlhela pula ena ka mosarasarane. A re o tswa go thanya morago ga nako ya boferabongwe bosigo a tsoswa ke lentswe la mohumagadi wa gagwe a mo raya a re a tswe mo tlung metsi aa tlala.  A re go phadimogeng o ne a fitlhela metsi a tletse ntlo, jarata ele bodiba, mme a tiba ka go leka go itshwarelela ka seokomelabagwe. A re o ne a itoma molomo wa tlase go iphalotsa le fa metsi a ne a le bokete mme a kgona go ikatumeletsa kwa setlhareng sa Mosetlha, kwa a ileng a falotswa ke masole teng.  A re morago bane ba fudusediwa kwa Maipaafela kwa erileng morago ba fudusediwa kwa Khurumela.

A re o ne a latlhegelwa ke dikoko, di pudi di feta masome a mararo le jarata ya matlo a sekgoa a mararo le a Setswana ale mabedi. A re mme bane ba bona dithuso tsa madi aa kana ka P15 000 le dithoto tsa kago. O tsweletse a re fa e sale ka nako eo ga ba ise ba ko ba sidilwe maikutlo.

Mokhanselara wa Khurumela, rre George Makhura yo le ene aneng a amegile o supile faa itumeletse tiro e thata a re etla ba thusa go sidilana maikutlo le go amogana mowa wa bopelotlhomogi.  Maiteko a go ikopanya le Mothusa Moalodi wa kgaolo Potlana ya Palapye Ernest Phiri mabapi le thulaganyo e a retetse a bolela fa a tshwerwe ke ditiro tse dingwe.