Blogs

A re leboga tiro kgotsa modiri?

Go tlhalosa leina le, re ne ra re, ga re itse sentle mme re dumela gore, le biditswe ka gore, ka tsatsi la moletlo o, go jewa one mokoto tota. Mme one mokoto, e le eng? Mokoto ke nama e e jewang kwa kgotleng. Ka ngwao ya Setswana, ka kgotla ga e tsenwe ke basadi, nama e, e jewa ke banna fela. 

A re tlhalose gore, ngwao ke ya Setswana mme, go ya ka merafe, e farologana fale, le fale. Fa go buiwa ka nama e, morafe mongwe one o tsaya tlhogo ya kgomo, o e thubaganye ditokinyana, e apewe mme e jewe e le one mokoto. E re bangwe ba ka hakgamala, ba botsa gore a tlhogo ya kgomo e na le nngwe nama, ba ba jang bone ba bolele go le monate. A go ntse jalo, kana e a bo e le go bolela ntwa selala fela, ga re itse mme bone ba bua jalo. Kwa Shoshong gone, re utlwa fa go  tsewa dirwe (dinama) dingwe tsa kgomo, di tlhakanngwe le mateng, go apewe, e nne one mokoto. Ba ba o itseng, ba bolela mokoto o, o le monate thata.

Go utlwala gore, moletlo o, o ne wa simologa fa banana bangwe ba ne ba le kwa maitisong. Ba le koo, ka tsela nngwe, ba tlelwa ke mogopolo wa go tsosolosa ngwao. Go a bonala mogopolo wa bopiwa, mme ke gone moletlo wa Mokoto wa simologa. Re ne ra utlwa gore, ka lone tsatsi  lele, mongwe wa bagolo ba ba neng ba tsenye moletlo oo, e ne e le Kgosi Mosielele wa Bakgatla ba ga Mmanana (Moshupa). Ga twe e rile a tswa la gagwe, Kgosi a kgothatsa morafe wa Shoshong go ipelafatsa ka ngwao ya one, go e godisa, go e dira kgwebo, le gore, e sirelediwe, e nne bontlha bongwe jwa bojanala. Bangwe ba ka tlatsa mafoko a ga Kgosi Mosielele ba re, a monate e se nne go ja nama fela; ba re, a gape go dirwe dilo dingwe tsa bosha, tse di ka tshegetsang ngwao, tsa e godisa, mme ya tshelela pele. E ntse e le go supa botlhokwa jwa ngwao, le gore e tshwanetse go babalelwa, ga twe Kgosi o ne a re, kwa Moshupa, ba tshwara moletlo wa Dikgafela ngwaga le ngwaga, ka kgwedi ya Lwetse. Ga twe a fetela pele a re, ba rulagantse gore ba kwadise, ba bo ba sireletse tsamaiso ya Dikgafela mo lekgotleng la UNESCO.

Mongwe gape yo o bolelwang a ne a tsenye moletlo ole, ke Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong mme ene a bua ka ditso tsa motse wa Shoshong. Polelo ya re, kgosi o ne a tlhalosa fa motse wa Shoshong o agilwe ke merafe e meraro, e bong Bangwato, Bakaa, le Baphaleng, e a neng a bolela fa yotlhe e wela ka fa tlase ga bogosi jwa ga MmaNgwato, e bile e kgaogantswe ka dikgotla tsa kgosing kwa Serowe. Merafe e fa e bolelwa ka dikgotla tsa yone, ga twe Bakaa ba wela ka fa  tlase ga kgotla ya Basimane, Baphaleng ka fa tlase ga Maaloso a Ngwana, fa Bangwato (mo Shoshong) bone ba wela ka fa tlase ga Kgosing. Ga twe Kgosi Mosinyi a tlatsa ka gore, fa go le phuthego kwa Serowe, merafe e, e  le koo, e itshupe ka maina a dikgotla tsa yone.  Ya bolelwa jalo e le merafe ya Shoshong le dikgotla tsa yone.

Ga se ka ga felela foo. Ga nna ga tswelela kgosi jaanong a tlhalosa gore, fa ba le mo kgotleng, kwa Shoshong, ba nna jang. Go bolelwa gore fa ba le koo,  Baphaleng ba nna ka fa mojeng (lebogo le le jang) wa kgosi, Bakaa ka fa molemeng. Bangwato bone? Ka bone ga go buiwe sepe mme re tsaya gore, ka ke beng ba kgotla, ba nna kwa pele, ba tsentswe ke Baphaleng le Bakaa fa gare jaaka re bona go buiwa ka manno. Polelo ya re, kgosi o ne a re o bua dilo tse gore batho ba ikitse ka botlalo mme ke gone ba tle ba itse le ngwao ya bone sentle.

Jaaka re ne ra supa nako ele, polelo e ya moletlo wa mokoto kwa Shoshong, re e tletswe ke  Dikgang (Daly News)

Fa e bua ka fa Kgosi Mosinyi a neng a buledisa moletlo ole ka teng, Dikgang (Daily News) Lwetse 5 2018 ya re;

‘Kgosi Mosinyi…..o lebogile tiro e e  dirwang ke mokgatlho wa Makgobokane.’

Tlhoma mafoko a a fa godimo a matlho mme gare ga one o tlaa bona lefoko ‘lebogile.’ Ga twe ‘Kgosi o lebogile tiro…..’

Gompieno potso e re e botsang ke gore, ka tlhomamo, ka tshwanelo, re dira eng? A re leboga tiro kgotsa modiri wa tiro? Ga re itse gore o tlaa araba jang. Rona ra re, ka Setswana, motho o ka dira tiro, a e dira sentle, a e wetsa. E re a dirile jalo, a itumelelwa, go twe o a lebogiwa, o a lebogwa. O lebogelwa eng? O lebogelwa tiro e a e dirileng. Setswana ga se re tiro e a lebogiwa. Yo o tlaa bong a dirile tiro eo, ke ene a lebogiwang. E le sekai, Mheti o ka re, ‘Ke lebogile Diselo, ke lebogela tiro e a e dirileng.’  Potso e bo e ka re, ke tiro efe? Mheti a re, ‘Go sala a tlhokometse tshimo ya me ke sa ile gae.’ Fa, tiro e ne e le go tlhokomela tshimo mme e a lebogelwa, go lebogiwa yo a neng a e dira, e seng tiro. A re farologanye seo.