Blogs

A re nne re ye le tsone

E ne ya re boemong jwa gore mafoko a, a kgaoganngwe, a nne mafoko a mabedi, a tshwaraganngwa, a diriwa lefoko le le lengwefela. Jaaka re ne ra bua, se ke phoso e e diregang gangwe le gape fa bangwe ba kwala Setswana. Ra re, ke sengwe sa dilo tse di bolayang Setswana.

Lengwe la mafoko a re neng ra a ntsha e le sekai sa diphoso tse Naledi e di dirileng ke lefoko ‘yoo.’  Kwa tshimologong ya polelo ya Malomatsebe, Naledi e bua gore batho ke dibopiwa tsa Modimo mme ya re, ‘Mongwe le mongwe yoo tshotsweng ke mosadi ke sebopiwa sa Modimo.’  Re ne ra re lefoko ’yoo’ ga le a dirisiwa sentle ka gore fa, Naledi e le dirisitse e le lesupi (demonstrative).

Re tsweletse ra tlhalosa gore lesupi ke lefoko le le supang selo se go buiwang ka sone. Ra re, fa ba ruta Setswana ba re, ‘yoo’ ke lesupi la bobedi; ke gore, le supa se se gaufi le motho yo go buiwang le ene. Fa Monei a raya Neo a re ‘Motho yoo o ja bobe’ o bua ka motho a le gaufi le Neo, Neo e le ene yo go buiwang nae.

Kwa ntle ga tse re buileng ka tsone maloba, diphoso tse dingwe tse re di bonyeng mo Naledi ke dife? Nngwe ya diphoso tse re di bonyeng ke lefoko ‘Ere.’  Naledi ya re, ‘Ere ntswa re dumela mo kgololesegong ya tumelo…..’  Jaaka re a tle re bue, fa o bala, o tlaa bona e kete lefoko le, le siame, le kwadilwe sentle.

Nnete ke gore ka Setswana, lefoko le, ga le kwalwe jalo. Fela jaaka re a tle re bue ka ‘Are,’ lefoko le le lone, le tshwanetse go kwalwa le kgaoganye e le ‘E re.’ Fa re kwala ‘Ere,’ jaaka Naledi e kwadile, seo ga se Setswana, ke Sekgoa.

E nngwe phoso ke lefoko ‘ele.’ Naledi ya re, ‘Tumelo le fa e ka tswa ele efe…..’  Phoso ke eng ka lefoko ‘ele?’ Phoso ke gore, jaaka le kwadilwe jaana, ke lesupi. Ka mafoko a mangwe, le tshwana fela le ‘yoo’ le ‘yole,’ le mehuta e mengwe ya lesupi. Gongwe re ka tlhalosa gore, lesupi le mehuta go ya ka gore le dirisiwa le leina (noun) la tlhogwana (preix) efe.

‘Yoo’ le ‘yole’ ke mohuta wa lesupi la maina (nouns) a tlhogwana (prefix) ‘Mo.’ Re ka re, ‘Motho yoo, yole, o a ja’ re dirisitse leina la tlhogwana ‘Mo.’

Gape re ka re, ‘Ngwana yoo, yole, o ja thata’re dirisitse leina la tlhogwana ‘ngw’ e le yone e dirisang lesupi ‘yo, yoo, yole.’ Fela jalo, re ka re, ‘Kgomo ele e nole’ e le lesupi la leina la tlhogwana e sele, e seng ‘Mo’ kgotsa ‘Ngw.’

Mme fa re re, ‘Go nole kgomo e le (e seng ele) nngwe foo jaanong re bua ka palo, ga re supe. Go kwala sentle, Naledi e ka bo e ne ya re, ‘Tumelo le fa e ka tswa e le efe…..’

Le lengwe lefoko ke ‘baba.’ Fa e bua ka ditumelo dingwe, Naledi ya re, ‘Gongwe Batswana ba ka tswa ba dumalana le ditumelo tsa bangwe baba ipitsang baruti.’ Fa, ga go a kwalwa sentle ka gore lefoko ‘baba’ ke leina, ga se lefoko le Naledi e neng e batla go le dirisa. Rotlhe re itse gore Pesalema 23 ya re;

‘O a tle o baakanye bojelo,

 fa pele ga me,

 mo ponong ya baba ba me.’

Go sale foo, sehela sengwe sa re;

Baba ba ka ntlhasela,

Satan ke eo’ ba patan;

Rre o itse go hemela

Mo go ba ba nkilan.’

Mo seheleng se, re boa re bona lefoko ‘ baba.’  Sehela se, se tlhalosa sentle gore, baba ke batho ba ba nkilang; ba ba ntlhoileng. Re itse gore mmaba wa gago ke motho yo o sa go rateng; motho yo o bosula mo go wena.

Kwa tlase ga pina e e fa godimo e, go na le mafoko a a reng, ‘ba ba nkilang.’ Fa ba ruta Setswana ba re, mafoko ‘ba ba nkilang,’ ke leamanyi (Relative). Go ntse go ntse jalo, mafoko a, a farologanngwe, go twe, mo go one, mangwe ke legokedi la leamanyi, mangwe ke thito ya leamanyi. Potso e nne gore, legokedi ke afe, thito ya leamanyi ke afe?

Ba arabe ba re, mafoko ‘ba ba’ ke one legokedi la leamanyi, fa lefoko ‘nkilang’ lone e le thito ya leamanyi.

Mo go raya gore, mo go Malomatsebe, fa e bua ka ditumelo tse bangwe ba tlhobaelang ka tsone tsele, Naledi e ka bo e ne ya kgaoganya lefoko ‘baba’ ya re, ‘…..bangwe ba ba (e seng baba) ipitsang baruti.’ Jalo, e ne e tlaa bo e kwadile sentle. Betsho, a re ele tlhoko gore Setswana se kwalwa jang. A re se latlhe ba bangwe ka go kwala se e seng sone. motshwanes@yahoo.com.