Naledi

Kuke kolo-maano ga a site (karolo 2)

Kolo a re o ne a nna lesego fa mogolowe a sena go goroga go tswa sekolong kwa Amerika, mme a jaanong a bereka puso. A re o ne a mo laletsa go nna mmogo kwa ga gagwe.

Kolo a re o ne a fetogela ba madirelo a nama kwa a neng a bereka teng, e se gore ga ba mo duele sentle jaaka mongwe a ne a ka akanya, mme ele go batla go ya go thusa mogolowe kwa morakeng. A re fa a tsena kwa Hukuntsi o ne a fitlhela rraagwe a rekile koloi ya mokoko, ke fa nna le kgatlhego ya go e kgweetsa, mme ntsalae a ganana le seo.  A re o ne a itshoka mme morago a letlelelwa go nna le sebaka sa go kgweetsa.

Kolo a re ka nako eo rraagwe le rrangwanaagwe ba ne ba tlhakanetse marekisetso a bojalwa mme koloi ya mokoko ya thusa go bereka ditiro tsa marekisetso. A re morago bobedi jo bone jwa tlhoka tirisano mmogo mme rrangwanaagwe a batla go tsaya marekisetso a re rraagwe Kolo a tseye koloi. Kolo a re rraagwe o ne a ngongorega gore ga a kake a tsaya koloi e ba santseng ba e kolota. Mme go fedisa kgang ya bone mogolowe Kolo a kopa rraagwe go e tsaya, fela ka tsholofetso ya gore o tla mo thusa go e duela. Ka jalo Kolo a simolola ithuta go kgweetsa ka yone.

Ka ngwaga wa 1986 Kolo o ne a boela Gaborone go tla go leka botshelo gape. Ka 1987 ke fa a thapiwa ke ba lephata la ditsela ele malaisa. Rraagwe a leka go mo kopa go boela morakeng mme ka se sebaka o ne a setse a le motona mme a gana, a tlhalosetsa rraagwe gore o a bereka.

Kolo o ne a leka go kgweetsa kwa lephateng la ditsela mme bagolwane ka nako eo ba gana, le fa a ne a setse a na le teseletso ya go kgweetsa. Ka 1988 a ikgolaganya le ba CTO mme bone ba mo letla go kgweetsa. A re ka 1990 o ne a boela kwa lephateng la roads mme a fitlhela seemo se fetogile ka jalo ba mo thapa go kgweetsa.

Kolo a re o ne a setse a ikgolagantse le kereke mme a tshela le botshelo jo bo botoka. A re o ne a hirisitse ntlo kwa Maruapula mme a duela masome a mabedi a dipula (P80). Ya re a le kwa roads, Kolo a re o ne a kgatlhegela lekgarebe le a neng a bereka le lone mme ene a direla mo ofising, ka jalo ba simolola go ratana.

A re letsatsi lengwe mogolowe a leka go mo etela, mme a fitlhela a seo, ya re go gorogeng ga gagwe a fitlhela moratiwa wa gagwe. A re mogolowe o ne a mo rotloetsa go nyala mme yo, a bolela fa ka sekeresete batho sa rotloetswe go nna mmogo ba sa nyalana.

Kolo a re fa nako e ntse e tsamaya, rraagwe a tloga a mo fa koloi ele, ka e ne ele gone a lemogang gore ga a mo direla sentle go sa mo tsenya sekolo. “O ne a re o ntuela ka koloi e mme ka dirisa sebaka seo go e dirisa mo go tsa kago le go foroma ditena le fa ke ne ke sena setsha ka nako eo,” Kolo a rialo.

A re mongwe wa ditsala tsa gagwe o ne a mo adima setsha sa gagwe go aga mo go sone kwa Tlokweng mme morago ga dingwaga ntlo e sena go fela, tsala eo ya mo tlhanogela, e re ene ga ba ise ba dumalane gore a age mo setsheng sa gagwe. Kolo a itlhoboga le mosadi wa gagwe ba tswela monna wa ‘tsala’ ka jarata.

“Ra boela mo go hiriseng mme ka lesego mosadi wame a neelwa ntlo ya BHC ke puso kwa Tapologo mo Gaborone. Mme gape, ke tswa kgakala ke nyoretswe go nna le jarata ya yame,” Kolo a tlhalosa jalo. A re o kile a nna mongwe wa bo maipaafela kwa Mogoditshane, ba baneng ba thubelwa matlo ke lephata la ga rre Jacob Nkate la Ditsha le Matlo. 

Ka se sebaka, Kolo o na le malapa a le mmalwa, kwa Mmopane Block 1, Sefhare, Kang le Ghanzi, fa sa kwa Francistown a ne a se fetisetsa kwa go mongwe wa bo ntsalae. Kolo yoo santseng a bereka e le mokgweetsi, o nna le mosadi wa gagwe mme ba segofaditswe ka bana bale bane.

A re ngwana wa gagwe wa ntlha o ne a tsena sekolo kwa moseja wa ga Mmamosadinyana go ithuta booki mme ka se sebaka o nyetswe kwa Belgium. A re yo mongwe ngwana o mo tsenya sekolo sa bongaka kwa China ka madi a gagwe, ka goromente a supa fa a sa tlhole a kgona go isa bana dithutong kwa ntle ga lefatshe leno.

Kolo o fetsa ka go rotloetsa batsadi go neela bana ba bone thuto le maele a botshelo, a re ‘le phirimela go tlhaba’. A re ke mang yo o neng a ka dumela gore o ne a saila mo mekgwatlheng ya Gaborone ebile a sa rutega, mme gompieno ale fa a le teng ka katlhego ya botshelo.

“Maano ga a site; fa o ise o atlege mo botshelong o seka wa itlhoboga,” Kolo o gakolola jalo banana. Fa a feta ka ya go letsa thata mo seromamoweng, Kolo a re le fa a sa tsena sekolo, o dumela gore go akgela mo go tsa ditlhabololo le mananeo a lefatshe la gagwe ke seabe sa go thusa gore lefatshe leno le gatele pele. “Ga ke itse le gore ke dirisa bokae mo kgweding go letsa” ga bua rre Kolo jaaka a tlwaetswe go bidiwa ke bagasi ba diromamowa.