Naledi

Re nyaditswe thata � Kgosi Beslag

 

Beslag o bile se mo puisanong le Naledi mo bothokong jwa bokopano jwa Ntlo ya Dikgosi bosheng. Kgosi a re go lebelwa kwa tlase ga merafe e tshwana le ya Basarwa le fa ba leka go supa ngongorego ka seemo se, ba tsweletse ka sa reediwe ke boeteledipele jwa lefatshe leno mme e bile ba setse ba kgobega marapo le go feta.

Kgosi Beslag a re ke ka moo aneng a seka a itshwenya ka go akgela mo tshutisong ya mogopolo wa ga Kgosi Galeakanye Modise wa Tswapong. A re le fa a ne a akgetse gone go sena mosola. Kgosi Modise o ne a kopa gore go fetolwe molao motheo. Beslag o supa ka monwana gape magosi a merafe e go tweng e metona le mangwe matona a puso, a re ga ba bone kemonokeng ee maleba ele ba merafe e gotweng e me botlana.

Beslag a re dikgang tsa gore merafe e tshwana ya Basarwa e saletse kwa morago ka ditlhabololo e setse ele matshwenyego a itseweng, fela o dumela gore modi wa kgang e ka nna go ka simolola go tlhomamisa gore merafe ka bophara e nna le kemedi mo ntlong ya dikgosi.

Naledi e ne ya batla go itse gore fa a re merafe yotlhe e nne le kemedi mo ntlong ya dikgosi, a ga go tloge go babalela thata ditsompelo tse puso e ntse e tlhalosa fa di tlhaela go le gale. Kgosi Beslag o ne a re, “Ntlha bone ba tsweletse ka go ikoketsa kwa palamenteng. Maloba ba ne ba re reba eme nokeng go oketsa mapalamente a a itlhophetsweng. E ele gore ao madi one, ba a bone kae?” Beslag a araba ka potso jalo.

Kgosi Beslag o tsweletse a re mangwe marara a tsweletse ka go sireletsa maikutlo a a kgatlhanong le go fetola molaomothao, a re ba ila go bona merafe e lekalekana ka ba batla go tswelela ba ba okametse ele merafe e e potlana.

“Ga ke kake ka re ke bopelotshetlha mme ke makatswa ke gore ke eng ba sa re eme nokeng ka mogopolo wa gore re lekalekane re le merafe, re nne mmogo mo ntlong,” Beslag o tlhalosetsa Naledi.

O tsweletse ka gore mogopolo wa go nyenyafatsa dikgosi tse dingwe ka gore di tlhophilwe, ga di a tsalwa, le o ne o tshwanetse wa fela.

“Mongwe le mongwe o tla fa a tsile go emela morafe wa gagwe,” ga supa jalo Kgosi Beslag. “Re le Basarwa re farologane, ebile re na le direto tse di farologanyeng”, Beslag a rialo.

Kgosi Beslag o weditse ka gore seemo sa bogosi ka fa se lebegang ka teng malatsi a no, se gomagometsa go timetse ngwao le tsamaiso ya boeteledipele ja merafe.